Breaking News

Komiti ya ditlhabololo e itela mo go mopalamente

27 Oct 2020

Ba komiti ya ditlhabolo tsa motse mo kgaolwaneng ya Bombadi/Thito ba supile  fa  kgolwana ya bone e saletse morago mo ditlhabololong.

 Fa a rola pego ya ditlhabololo tsa motse mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya Maun Bophirima, Rre Dumelang Saleshando, Rre Noah Gaosote o kopile puso go tlhabolola lefelo la itloso bodutu le le mo kgaolong ya bone, a tlhalosa fa le ka ba thusa go itirela letseno.

Mo go tse dingwe, Rre Gaosote o ne a lela ka letlhoko la kokelwana mo kgaolong a re banni ba tsamaya sekgala go kopa ditlamelo tsa botsogo, ka jalo a kopa gore puso e sekaseke go ba agela kokelwana.

Rre Gaosote a re go tsamaya sekgala go baya matshelo a banni mo diphatseng ka jaana bangwe ba le bokoa. 

O ne a ikuela gape ka dikatso tse di fiwang maloko a dikomiti tsa ditlhabololo, a supa fa di le dinnye, a tlatsa ka go re ba di bona morago ga nako.

O tsweletse a kopa gore bagodi le babereki ba lenaneo la Ipelegeng le bone ba sekasekelwe go okelediwa dikatso.

Fa a tswa la gagwe, mopalamente o ne a solofetsa banni fa a tlaa fetisetsa dingongora tsa bone kwa maphateng a a lebaneng. 

O ne a rotloetsa banni go inaakanya le ofisi ya gagwe fa ba na le matshwenyego go na le go emela phutego ya mopalamente.

Rre Saleshando o ne a kopa banni go nna pelotelele, a supa fa go isa ditlhabololo kwa bathong go na le thulaganyo. 

A re puso e na le lenaneo la go diragatsa ditlhabololo mo metseng. E ne e rile go le pele, Kgosi Mauricio Bendu a gwetlha banni go ikemela ka dinao le gone go itirela ka diatla.

 A re ba tshwanetse ba lemoga fa puso e tshwaragane le namane e tona ya go lwantsha seru se se wetseng lefatshe sa COVID-19.

Kgosi Bendu o ne a ikuela ka bogodu jwa motlhaba jo a reng ga bo mo jese diwelang, a supa fa dinoka di fetogile mafuti fela.

O kgalemetse ba ba amegang  go emisa tiro eo, a re ba senya tikologo.

Kgosi Bendu o ne a rotloetsa baagi ba Bombadi go bega ditiragalo tsa go utswiwa ga motlhaba gore go tsewe dikgato. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kgosietsile Bontsi

Location : Maun

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 27 Oct 2020