Breaking News

Ba Kopong ba tlhorontshiwa ke tshenyo ya dikolobe

27 Oct 2020

Banni ba kgaolo ya Kopong Botlhaba ba tlhorontshiwa ke tshenyo ya dikolobe tse di atileng mo kgaolong eo, e bile di sena tlhokomelo. 

Kgosana wa kgotla ya Tlokweng, Rre Kewakae Kewakae, o supile bothata joo mo phuthegong ya kgotla ya boeteledipele jwa Kopong e e neng e buisiwa ke modulasetilo wa khansele-potlana ya Molepolole/Lentsweletau, Rre Allen Jacob.

Rre Kewakae a re dikolobe tse di sailang di sena tlhokomelo kwa kgaolong eo di ba tshedisetsa mo poifong ka e bile di ba jela dipotsane ka ntlha ya tlala.

 “Dipalo tsa dikolobe tse di sailang mo Kopong di ile magoletsa thata ka ntlha ya go tsala ga tsone mo go sa laolesegeng,” ga tlhalosa Rre Kewakae.

Ka jalo Kgosi Kewakae o ikuetse mo boeteledipeleng jwa khansele-potlana ya Molepolole/Lentsweletau go tsibogela seemo go bona ka fa se ka rarabolwang ka teng, ka a dumela fa di wela mo thulaganyong ya matimela.

Rre Kewakae o tlhalositse fa ba lekile mo mabakeng a le mantsi go sala morago kgang eo, le go ikuela gore beng ba dikolobe ba tseye boikarabelo, mme go le thata gore kgang eo e bone tharabololo. 

E rile a tsibolega kgang eo, mokwaledi wa khansele-potlana ya Molepolole/Lentsweletau Rre Gofaone Kgabanyane, a supa fa e le boikarabelo jwa morafe go batlela kgang eo tharabololo ka go latedisa beng ba leruo leo.

Mo dikgannyeng tse dingwe, Rre Kgabanyane a re o tshwenngwa ke go sa diriseng madi sentle ga dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse le mororo letlhoko la go baakanya dikago tsa setshaba le le kwa godimo. 

“Ke tshwenngwa ke selelo sa gangwe le gape sa maloko a dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse ka go onala ga dikago le mororo madi a beilwe a sa dirisiwe. A re itseng fa madi a re a tshwereng e le a ditiro tsa morafe, ka jalo re tshwanela go a dirisetsa se se tshwanetseng,” ga gakolola Rre Kgabanyane.

Mokwaledi wa khansele a re matshwenyego a matona a mo goreng selelo sa tshenyego ya dikago tsa morafe se tsweletse ka go ya magoletsa, mme diVDC di tshwere madimadi a a ka dirang ditiro tse dipotlana tsa morafe.

O tlhagisitse maloko a di VDC go nna kelotlhoko gore madi a setshaba a dirisiwa ka mo go faphegileng, le gone go itse fa a tshwanela go dirisiwa a tswa kwa sebolokelong e seng mo matlong jaaka go lebega e setse e le tlwaelo. 

Rre Kgabanyane o ne a bua jaana go tsibogela matshwenyego a modulasetilo wa VDC ya kgaolwana ya Phoi gore kago ya ntlo lehalahala ya morafe kwa kgaolong eo e rutlomologile e bile e onetse, ka jalo a lela ka bothata jwa madi go ka tsibogela seemo seo.

Mo tekodisong, modulasetilo wa kgaolo-potlana ya Molepolole/Lentsweletau Rre Allen Jacob, o itsesitse bogogi jwa Kopong ka tshwetso ya gore masimo a Galekgatshwane e nne motse o o ikemetseng, kgang e a reng e roletswe lephata la Dikgaolo le Tlhabololo Magae go tlhomamisa keletso ya khansele.

Modulasetilo o bile a kopa morafe go ela thoko dikgang tse di tshwenyang tsa kgokgontsho ya bong le go bega ditiragalo tsa mofuta oo.

Mangwe a matshwenyego a ga modulasetilo ke leswe la tikologo se a tlhalosang se tsweletse ka go etesegela. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kebaeditse Baitlotli

Location : Kopong

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 27 Oct 2020