Breaking News

Kgokgontsho e a tlhobaetsa

27 Oct 2020

Mookamela mapodisi a Maunatlala, Superintendent Sello Ntwaagae o supile matshwenyego ka dikgang tse di okotsegang letsatsi le letsatsi tsa kgokgontsho ya bong. 

Supt Ntwaagae o boleletse BOPA mo puisanyong fa e rile Phalane a le 23, mme wa dingwaga tse di masome mabedi le boferabongwe a ya go ikuela kwa go bone, morago ga gore rre yo o tshelang le ene, wa dingwaga tse di masome mabedi le boferabobedi a tshosetse go mo gapela botshelo, fa a kopa gore ba kgaogane.

Go bolelwa fa rre yoo, a ne a raya mme yoo a re “la kamoso ga le ka ke la  tlhaba la ba la phirima o sa ntse o tshela, gape fa motho a nna mo seporong a bo a emetse go gatwa ke terena”. 

Supt Ntwaagae o tlhalositse fa rre yoo a ne a ipega fa pele ga lekgotla ka Mosupulogo, mme e bile a ne a solofetswe go iponatsa gape fa pele ga lekgotla ka Labobedi go feleletsa kgang eo.

A re dikgang tsa mofuta o di  a gola, ka ba setse ba gatisitse di le tlhano go tswa ka Hirikgong go tsena mo kgweding eno monongwaga, ntswa ba sa gatisa kgang epe ya kgokgontsho ya bong ka 2019.

Supt Ntwaagae o rotloeditse batho go amogela seemo fa lorato lo fedile, a re polao ga e na maduo a mantle gape ga se tharabololo ya mathata. 

O ne a gakolola batho go kopa thuso kwa go ba ba maleba jaaka mapodisi, dikgosi, ba boipelego le ope fela yo o ka thusang fa go na le mathata.

Mo go tse dingwe, Supt Ntwaagae o tlhalositse fa ba tshwenngwa ke batho ba ba tsamayang mo mebileng ba sa rwala dipapetlana tse di bipang dinko le melomo. 

A re ope fela yo o dirang jalo o ka atlholwa madi a a sa feteng P500. 

O ne gape a lela ka batho ba ba apayang mo dintshong, a tlhalosa fa ba setse ba atlhotse bangwe P1 000 ka molato oo, kwa Moremi.

Supt Ntwaagae a re o tshwenngwa gape ke batho ba ba santseng ba kgobokana, segolo jang banwi ba bojalwa. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Segojame Ikgopoleng

Location : Maunatlala

Event : Puisanyo

Date : 27 Oct 2020