Tsogwane o gwetlha bagwebi go gopola ba ba tlhokileng lesego
26 Oct 2020
Mothusa Tautona Rre Slumber Tsogwane o gwetlhile dikompone le bagwebi ka kakaretso go tswelela ba gakologelwa ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng ka seo se diragatsa tebelopele ya lefatshe ya 2036.
Mothusa Tautona o buile jalo fa a rola ntlo ya dikamore tse pedi le sephato e e agilweng ke ba khamphani ya Choppies kwa Mopipi bosheng.
Rre Tsogwane o tlhalositse fa go dira jalo e le go supa mowa wa bopelotlhomogi o tshaba ya Botswana e itsegeng ka one.
O ne a leboga Choppies go bo e tsweletse ka go thusa batho ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng.
A re ntlo e ke ya bosupa go agwa mo kgaolong ya Boteti Bophirima e le dithuso tse a di kopelang Batswana.
A re puso e na le mananaeo a a thusang Batswana jaaka la Housing Appeal, le a reng ba mo dipaakanyong tsa go le tokafatsa.
Mothusa Tautona a re o tlaa tswelela ba kopela Batswana ba ba tlhaelang dithuso ka go farologana ga tsone. A re o bone go tshwanela gore ba thuse Rre Molatlhiwa Makunda wa motlhokapono ka ntlo ya bonno a lebile seemo sa gagwe.
O kaile fa Rre Makunda e le motho yo o botlhokwa ka jaana a nnile le seabe mo ditlhabololong tsa Mopipi, di akaretsa koporase.
A re dikoporase di ne tsa phutlhama, mme ya Mopipi ka boeteledipele jwa ga Rre Makunda ga e ise e phutlhame.
O ne a gakolola setshaba go itlhokomela mo bolwetseng jwa COVID-19 ka go sala melawana ya jone morago, jaaka go apara dipapetlana tse di thibang melomo le dinko ka dinako tsotlhe, go tlhapa diatla le go dirisa dibolaya megare.
Rre Tsogwane o ne a ba gakolola gore ba emise go kgobokana ka bontsi mo dintshong, manyalo, le go fokotsa metsamao e e seng botlhokwa.
O ne gape a re o tshwenngwa ke seemo sa kgokgontsho ya bomme le bana ba basetsana, a kopa gore ba emise kgokgontsho e mo malwapeng.
A re dipolao le dipetelelo di ile magoletsa mo lefatsheng leno, ka jalo a kopa batsadi gore ba eme ka dinao go lwantsha kgokgontsho.
Mothusa kgosi wa Mopipi Kgosi Benjamin Banyula o ne a lebogela mpho eo, a leboga Mothusa Tautona go bo a tsweletse a kopela Batswana dithuso. Kgosi Banyula a re go na le batho ba ba dikobo dikhutshwane ba ba sa akarediweng mo batlhoking mme ba tlhaela go ka itirela dilo tse di tshwanang le kago, a kopa gore le bone ba sekasekelwe.
Mothusa modulasetilo wa khansele-potlana ya Boteti yo gape e leng mokhanselara wa Tsienyane Bophirima, Rre Batsweletse Kgagamedi o akgotse dikompone a re nako tsotlhe fa puso e tlhaba mokgosi ba a araba. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : MOPIPI
Event : Tholo ya Ntlo
Date : 26 Oct 2020