Tsela ya Ditshegwane-Letlhakeng e tswetswe ka nakwana
26 Oct 2020
Bontlha bongwe jwa tsela ya Ditshegwane-Letlhakeng bo tswetswe ka Labone maitseboa morago ga go lemogwa fa e ranyegile, go babalela badirisi ba yone.
Mothusa molaodi wa kgaolo- potlana ya Letlhakeng, Rre Mokgolele Mosipidi o boletse fa ba ne ba kuelwa mokgosi wa gore tsela eo e a ranyega, mme e rile ba ya go e tlhodumela ba fitlhela e le nnete e ranyegile le kwa ntle ga yone mo go tlhobaetsang.
Mothusa molaodi o tlhalositse fa ba ne ba bitsa ba lephata la ditsela go tla go sekaseka seemo le go bona ka fa tlase gore go ka tswa go senyegile go le kae.
O tlhalositse fa ba ne ba tswala bontlha bongwe jwa tsela eo ka nakwana.
E re dikgang di eme jalo, ba lephata la ditsela ba ntshitse mokwalo o o supang fa tsela ya Letlhakeng-Morwamosu le yone e ranyega.
Ba tlhalositse mo mokwalong oo gore tsela ya Molepolole-Lephepe le yone e ntse e ranyega mo ba neng ba e tswala ka nakwana.
Mafelo a otlhe a mo kgaolong ya Kweneng.
Setshaba se gakolotswe go nna malala a laotswe ka nako tsotlhe le go tlaleya seemo sepe fela sa tsela se ba bonang se sa nna sentle. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : Ditshegwane
Event : Tekodiso
Date : 26 Oct 2020