Breaking News

Balemi ba Mosesedi ba lela ka dikgwetlho

26 Oct 2020

Balemi ba Mosesedi kwa kgaolong ya Borolong ba re ntswa  keletso e le gore thobo ya bone e tswelele e jese lefatshe la Botswana, ba lebanywe ke dikgwetlho tse di kgoreletsang seo.

Fa a amogela maloko a komiti ya palamente e e eteletsweng pele ke Mopalamente wa Jwaneng-Mabutsane, Rre Mephato Reatile bosheng, modulasetilo wa komiti ya Mosesedi, Rre Kagiso Mankge o ne a tlhalosa fa ba itumeletse go bo ba lekolwa e bile a dumela fa dingongora tsa bone di tlaa reediwa.

Rre Mankge o ne a tlhalosa fa balemi ba le  lesome le botlhano.

A re maikaelelo a bone ke go bona ba kgona go lema dijo tse di ka tlhokomelang Botswana.

Rre Mankge a re ba ikemiseditse gape go thapa Batswana gore letlhoko la ditiro le fokotsege.

O tlhalositse fa dikgwetlho tsa segajaja sa corona di ba rutile fa go le botlhokwa,  gape go ka kgonagala gore balemi ba Botswana ba eme ka dinao ba jese lefatshe la bone.

Balemi ba bangwe ba Mosesedi ba ne ba itela mo lekokong leo,  ba tlhalosa fa go na le dingwe tse di sa ba jeseng diwelang.

Ba tlhalositse fa ba na le letlhoko la babereki ba supa fa bontsi jwa batho mo kgaolong ba bereka Ipelegeng, ka jalo ba sa kgone go dumela go bereka kwa ditshimong.

O kaile fa ba tshwenngwa gape ke ditshwene tse di ba jelang masimo. 

Ba kaile fa letlhoko la metsi le lone e le sekgoreletsi.

Balemi ba ne ba re ntswa ngwaga o e ne e le o monamagadi, ba kgonne go roba mme ka dingwaga tse pedi tse di fetileng e ne e le tsa leuba go ba buseditse kwa morago ka bane ba duela dikoloto.

Mopalamente wa Sefhare/ Ramokgonami, Dr Kesitegile Gobotswang o tlhaloseditse balemi fa ba utlwile dikopo tsa bone.

A re puso e ikaeletse go ema balemi nokeng, mme a supa fa ba tlaa isa dikopo tsa bone kwa palamenteng.

Dr Gobotswang a re go botlhokwa go tla ka megopolo gore go ka dirwa jang gore ba kgone go thusiwa. 

O ba kgothaditse gore ba tswelele ba dira tiro e ntle ya go jesa lefatshe la Botswana. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Bakang Segokgo

Location : Good Hope

Event : Tekodiso

Date : 26 Oct 2020