Ba Malatswae ba direla kgosi tsamaya sentle
26 Oct 2020
Kgosi wa pele wa Malatswae, Kgosi Ketsieditswe Bosigo yo o tlogetseng tiro bosheng ntateng ya bogodi o kailwe fa e le motho yo o neng a le bonolo, lerato e bile a ne a dira tiro ya gagwe ya bogosi a na le lerato mo morafeng.
Se se builwe ke dibui kwa moletlong wa tsamaya sentle o o neng o diretswe Kgosi Bosigo kwa kgotleng kgolo ya motse oo bosheng.
Kgosi Opelo Disang wa Mmashoro yo gape a okametseng metse ya Sehunou le Malatswae a re Kgosi Bosigo o busitse Malatswae dingwaga di le masome a mabedi le borataro mme mo dingwageng tsotlhe tseo a ne a dira tiro ya gagwe ka bokgabane.
A re Kgosi Bosigo o ne a le kutlwelobotlhoko mo morafeng wa gagwe mo e rileng mo dinakong tse dingwe bangwe ba ngongoregela dikatlholo tsa gagwe gore di kwa tlase.
A re o ne a mo kopa gore a gagamatse mo melatong mengwe.
A re dingwaga tse Kgosi Bosigo a busitseng Malatswae o di dirile ka bokgabane, ka jalo o tshwanelwa ke gore a rute yo o mo tlhatlhamang.
Kgosi Disang o ne a kopa Kgosi Bosigo go ya go tlhokomela leruo le go lema mme a sa lebale batho ba gagwe.
Mokhanselara wa pele wa Malatswae Mme Bibilila Mosinyi o ne a supa fa kgosi e le motho yo o neng a itse batho ba gagwe botlhe mo motseng le gore ba tlhoka eng e bile a le kutlwelobotlhoko mo morafeng wa gagwe.
O lebogetse Kgosi Bosigo go bo a ne a goga ka boleele le morafe wa Malatswae e bile a sena tlhaolele.
A re go ka tswa go bonala e kare Kgosi Bosigo o diretse morafe wa Malatswae fela mme o diretse lefatshe lotlhe ka bophara ka o tswa mo tirong a ne a dira tiro ya setshaba.
O ne a supa fa a eletsa gore yo o tlaa tsenang mo maemong a a tlogelwang ke Kgosi Bosigo a tshwane le ene ka ditiro tse dintle tse a neng a di dira.
Kgosi o ne a fiwa dimpho di tshwana le dikgomo, dipodi, setsidifatsi le tse dingwe, di tswa mo morafeng wa Malatswae, badirelapuso le boradipolase tse di gaufi le motse oo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : Malatswae
Event : Moletlo wa Tsamaya Sentle
Date : 26 Oct 2020