Breaking News

Tautona o rotloetsa mowa wa go aba

25 Oct 2020

Tautona Dr Mokgweetsi Masisi a re o tiisiwa moko ke thotloetso ya dithuso tsa barui go nonotsha maikaleleo a gagwe a go godisa mohama wa thuo ya dihutshane.

O buile jalo fa a rolela Rre Mookamedi Mogogomela (78) phoko kwa masimong a Tshelesele kwa kgaolong ya Thamaga/Kumakwane.

Tautona Masisi o tlhalositse fa mokgwa wa go aba e le selo se sentle ka ebile o rotloetsa maitlamo a Tebelopele ya Setshaba ya 2036.

Tautona a re mowa wa lerato le  go utlwelana botlhoko o mo tlhotlheletsa go fitlhelela keletso ya go tsweledisa thulaganyo ya go godisa mhama wa dihutshane.

A re o lebogela gore thulaganyo e, ke e e dirwang ka lerato le neelano go sena go kgopakgopediwa ga baabi ba dithuso.  “A re nne chaba ee utlwelanang botlhoko le go atisa mokgwa wa go aba fela fa se re se dira ka kgololesego,” ga rotloetsa Tautona. 

Tona wa Lephata la Tlhabololo Temo thuo le Tlhomamiso Dijo, Rre Karabo Gare, o rotloeditse ba amogedi ba dithuso tsa ga Tautona go nna moko o thata, ba thuse go godisa mhama wa thuo ya dihutshane gore lefatshe leno le kgone go ntsha dipalo tse di lekaneng  mmaraka.

“Ke lebogela segolobogolo ntlha ya gore tautona Masisi o ne a tlhomamisa go bona mmaraka go le pele o jaanong a eletsang go bona lefatshe leno le o fitlhelela go ya ka dikeletso tsa bareki,” ga rotloetsa Tona Gare

O akgoletse mongwe wa badiri ba ofisi ya ga Tautona Rre Goabaone Mompati-Ntapu go nna mongwe wa ba ba gwetlhegileng go ema nokeng maikaelelo a ga tautona a go thusa go tlhabolola seemo sa thuo ya dihutshane mo lefatsheng leno ka go ntsha phoko e e abetsweng Rre Mogogomela.

Mothusi Tona Beauty Manake ene a re thulaganyo e bayang go e sala morago e tla nna go tlhatlhelela dikitso ba amogedi ba lenaneo le ka tlhokomelo ya dihutshane ka kakaretso.

“Re tlaabe re abela barui botlhe baba setseng ba thusitwe ka lenaneo leo la ga Tautona didirisiwa tse di yang go thusa go tokafatsa tlhokomelo ya dihutshane tseo go kgona go ntsha maduo,” ga tlhalosa mothusa.

Moemedi wa lefatshe la Zimbabwe, Rre Henry Mukonoweshuru, a re o meletsa mathe lenaneo la ga Tautona la go godisa thuo ya dihutshane, le areng ba tlaa eletsa go tsaya malebela ka bone ba setse morago thata thuo ya dikgomo.

Molomaganya lenaneo la Vision 2036, Rre Christopher Molomo, o lebogetse tema e Tautona a e segileng go fa Batswana boikarabelo jo ka jone bo ka thusang go tswakanya le go tlhabolola itsholelo.

Mopalamenete wa kgaolo, Rre Palelo Motaosane,  o kopile ba ba abetsweng go rotloetsega go atisa lenaneo la ga Tautona Masisi ka go tiisa tlhokomelo ya leruo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kebaeditse Baitlotli

Location : Molepolole

Event : Kabo ya Diphoko

Date : 25 Oct 2020