Breaking News

Tona o gwetlha boeteledipele go tsaya tswetso

25 Oct 2020

Boeteledipele jwa Tutume bo neetswe sebaka sa beke go supa fa lebala la metshameko le tlaa agiwang teng kwa motseng oo.

Tona wa Tlhabololo Banana, Metshameko le Ngwao, Rre Tumiso Rakgare, o ntshitse taelo e kwa bokopanong le makhanselara, dikgosi le mothusa molaodi wa kgaolo potlana ya Tutume bosheng.

Tona Rakgare a re go lemosegile fa go na le matshwenyego mabapi le go agiwa ga lebala leo.

Ka jalo o ne a roma bangwe go tswa kwa ofising ya gagwe go sekaseka mafelo a lebala le ka agiwang teng mme ba bolela fa ba bone mafelo a le mararo go balelwa le kwa Magapatona.

Le ntswa go ntse jalo, tona a re ba ne ba supa fa setsha sa Magapatona se ka lopa madi a mantsi go se tlhabolola mme ba bolela fa go na le lefelo le lengwe, ntse e le kwa Magapatona le kwa Madikwe.

Tona o ne a kaya fa ditshenyegelo tsa mafelo ao di lekana ka jalo a kopa boeteledipele go tlhopha lefelo le go ka agiwang teng, mme lephata le gagwe le tlaa tsaya tshwetso fa ba ka palelwa ke go rarabolola kgang e.

“Fa malatsi a supa a ka wela le santse le gogagogana, lephata le tlaa bo le itseela ditshwetso ka e bile tiro ya go aga lebala leo e saletse morago, ebile madi a yone a sale a ntshitswe mme ebile tiro e ka bo e tsamaya kgakala,” ga tlhalosa Tona Rakgare.

Monni wa Magapatona, Rre Edmont Moab, o ne a tlhalosa fa tiego ya go simolodisiwa ga kago ya lebala leo e dirilwe ke gore ba ne ba sa dumalane le tshwetso e e tserweng ke baeteledipele ba khansele potlana ya Tutume go fudusa lebala kwa kgotleng eo go sena therisanyo.

Rre Moabi o ne a kopa gore ba neelwe nako go ya bona lefelo le le kwa Magapatona mme ba tlaa isa phetolo mo malatsing a a beilweng.

Modulasetilo wa khansele potlana ya Tutume, Rre Anthony Chebani, a re go lebega morero o tlhaetse fa gare ga badirelapuso le banni ba kgotla ya Magapatona. 

A re go tlhoka therisanyo le tirisanyo mmogo ke dilo dingwe tse di thubang metse gape di emisa ditlhabololo go tswelela.

Mopalamente wa Nkange, Dr Never Tshabang o ne a leboga tona go potlakela kgang eo.

A re batho ba kgotla ya Madikwe ga ba ise ba ikgagapelele go dirwa ga lebala leo mme badirelapuso ke bone ba ba neng ba itseetse tshwetso ntle le theriso le ba ba amegang.

A re o itumelela gore kgang e tlaa ya bokhutlong le gore tshwetso e tlaa tsewa mo malatsing a a beilweng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : Tutume

Event : Phuthego

Date : 25 Oct 2020