Monana o kopile bomme go e la tlhoko mafoko a bone
25 Oct 2020
Moeteledipele wa mokgatlho wa banana oo lwantshang kgokgontsho ya bong kwa Serowe le metse e e mo tikologong, Mme Ati Dintwa, o kgadile bomme bangwe ba a reng ga ba tlhophele bakapelo ba bone mafoko mo go felelang go baka diphapang le ntwa.
O buile se kwa thutopuisanong bosheng.
A re go sa tlhophele borre mafoko ke nngwe ya tse di bakang kgokgontsho ka borre ba le pelo khutshwane.
Mme Dintwa o boletse fa nako e nngwe molelo o kuketswa ke bomme ka go bua mafoko aa kgopisang.
A re mafoko a a tshwanang le bo ‘sekopa ke wena’, ‘ntsa ke wena’ le ‘poo ke wena’ a kgopisa borre thata.
Mookamedi wa mokgatlho a re bomme ga ba sa rate go tlhakanela dikobo ka nako eo ba gana fela le fa rre a kopa ka botho.
A re bomme bangwe ba matlho matlho fa bangwe ba ilwe ke madi tlhogong.
Mongwe wa batsena thutopuisano eo, okhanselara wa Tidimalo kwa Serowe, Rre Solomon Dikgang, o boletse fa kgokgontsho e le ntsi thata mo bananeng ka gore bontsi ga ba bereke.
O boletse fa mo dikhirong go santse gotwe go batliwa motho oo nang le botsipa a sa bolo go bereka ka lebaka a re sone seo ke kgokgontsho mo bananeng ba ba batlang go ithuta ditiro.
Mokhanselara Dikgang o boletse fa banana ba sokola go bona ditsha mme seo se kgokgontsha maikutlo a bone.
A re gompieno maloko a kabo-ditsha go tlhophilwe bagolo fela ba ba tlogetseng ditiro ka bogodi, boemong ja gore go tsenngwe banana ka ba le maoto a bofefo.
Mokhanselara o boletse fa dikgwebo tsa banana ba ba neng ba thusitswe di ole ka tse dingwe ba tsene mo go tsone ba sena keletso e bile ba tlhokile bogakolodi.
Rre Dikgang o ne a bolela fa dikgang tsa kgokgontsho bogolo jang ya thubetso di tshwanetse go sekwa ka bonako. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : Serowe
Event : Thuto Puisanyo
Date : 25 Oct 2020