Breaking News

Mapodisi a supa lerato kwa Kedia

25 Oct 2020

Mookamela mapodisi, Rre Keabetswe Makgope, o akgoletse mapodisi go supa lerato mo bathong ba ba tlhokileng lesego.

Rre Makgope o buile se kwa Kedia bosheng fa a ne a rola ntlo ya dikamore tse pedi ee agilweng ke mapodisi kwa kgaolong ya Legare.

Ntlo eo, e e lopileng P180 000, e na le dikamore tse pedi tsa boroko.

A re ntlo e, ke nngwe ya tse di fetang masome marataro tse di agilweng mapodisi mo lefatsheng leno ka bophara.

Rre Makgope a re sepodisi se na le lenaneo la go kgobokanya madi go thusa setshaba se ba se direlang.

A re moono o, o tsamaelana le letshego la  tebelopele ya lefatshe leno ya 2036 la katlego go botlhe.

A re mapodisi ke batho baba lerato, kutlwelobotlhoko,  a tlatsa ka gore ba ne ba  dira lenaneo la go tshwaraganela twantsho borukutlhi le setshaba le ka lone ba kgonang  go lemoga ka fa batho ba tshelang ka teng.

Rre Makgope a re dikgwetlho tsa segajaja sa COVID-19 ga di aka tsa ba paledisa go diragatsa lenaneo le eleng moono wa komiti ya bomme ba sepodisi kwa kgaolong ya Legare.

O ne a lebogela setshaba kemonokeng mo go lwantsheng le go thibela  borukhuthi a re tshwaragano ya bone e dira tiro e tona mo go diragatseng molao mo lefatsheng.

A re ka lenaneo le ba leka go atolosa letsogo ka go fa ba ba agetsweng ntlo bonno, go busetsa  seriti sa bone se eleng moono wa lephata la  sepodise.

Rre Makgope a re kgokgontsho ya bomme le bana ba basetsana e santse ele matshwenyego a matona mo Botswana, ebile e ama  morafe  mo metseng, metsana le ditoropo.

A re kgokgontsho e e dirwa ke borre segolo jang banana, mme a gwetlha borre ba bagolwane go aga banana go ba kaela ka dikgang botshelo.

A re ba lekile go baakanya molao wa tsa tlhakanelo dikobo go tswa mo dingwageng tse di lesome le borataro go tse di lesome le boferabobedi, mme kgokgontsho e ya tiriso bana botlhaswa e tsweletse ka go golela pele.

Mookamela kgaolo ya sepodisi ya North Central, Rre Christopher Mbulawa o ne a tlhalosa gore ba na le maitlamo a go kgobokanya madi go thusa batho ba ba tlhokileng lesego.

Rre Mbulawa a re mapodisi a dira se ka lerato ba sa patelediwe, a tlatsa ka gore ba setse ba na le letlole le ba kgobokanyetsang mo go lone.

A re ba ne ba thusiwa ke ba boipelego ka motho yo ba mo agetseng ntlo ebong Mme Xhadie Bee yo ka go tlhoka lesego, a neng a tlhokafala kago ya ntlo e santse e tsweletse. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : KEDIA

Event : Tholo ya Ntlo

Date : 25 Oct 2020