Breaking News

Barekisi ba tlaa tsenngwa leitlho

22 Oct 2020

Bogogi jwa dikole kwa kgaolong ya Molepolole Bokone jwa re ga go na ka fa ntwa kgatlhanong le tiriso ya ditagi mo dikoleng e ka rarabologang ka teng fa ditlhotlhomiso di sa senole barekisi ba tsone.

Matshweneygo ao a ntshitswe mo bokopanong jwa megokgo ya dikole le bogogi jwa dikomiti tsa batsadi le barutabana bo rulagantswe ke mopalamenete wa kgaolo eo, Rre Oabile Regoeng kwa Molepolole ka Laboraro.

Bogogi jwa dikole, mo go bone go le mogokgo wa sekole se segolwane sa Motswasele Mme Segametsi Matlho, ba re seemo sa tiriso ya diritibatsi mo dikoleng se ile magoletsa ka jaana batlhotlhomisi ba okola dikgang ntle le go phunyeletsa go latedisa motlhala wa kwa di thaegang teng.

 “Ga re kake ra sala morago fela manoto a ditagi tse di tshwarwang mo baithuting re ikgatholosa modi wa kwa bothata bo thaegang teng,” ga gakolola Mme Matlho.

Mogokgo o gwetlhile mapodisi go thagafalela ditlhotlhomiso tsa dikgang tsa diritibatsi le go upolola barekisi, a re go tlhoka go dira jalo go tlaa dira gore dilo di thatafalele pele. A re fa seemo se sa emelwe ka dinao, go tlaa nna botlhoko thata jaaka se rotloetsa kwelo tlase ya maduo a dikole le tshenyo ya dithoto tsa puso.

A re tiego ya maduo a baithuti a tlhatlhobo ya mogare wa corona e a tshwenya, ka jaana e kgoreletsa dithuto tsa bana fa ba faphetswe thoko go emela maduo.

O kopile gore go nne le thulaganyo e e faphegileng go fefogela go ntsha maduo a baithuti,  segolo jang mo  nakong eno ya bana ba ipaakanyetsa ditlhatlhobo.

Mopalamente Regoeng yo o mo loetong lwa beke go rerisanya le ba-na-le seabe ba ba farologanyeng, a re tshwetso ya go kopana le bone ka ditlhophana tsa bone ke go lemoga fa morero wa diphuthego tsa kgotla mo nakong eno o sa kgonege ka ntlha ya kiletso mosepele go hema kanamo ya mogare wa corona

Rre Regoeng yo o setseng a nnile le sebaka sa go kopana le makgotla a tshwana la baruti, la babereki, la baoki le la dipalamo, o rotloeditse bogogi jwa dikole go tsaya boikarabelo jwa go dirisa bana ditiro tsa diatla go dira ditiro tse diseng kae tsa go baakanya dithoto le dikago. A re tsholofelo ke gore thulaganyo eo e ka thusa bana ka go ba kgaoganya tiro e bogolo jwa yone bo itebagantseng le ditilo tse di dirilweng mekowakowa mo dikoleng, le mororo go na le se se ka dirwang go di busetsa mo tirisong.

Modulasetilo wa khansele ya Mokwena, Rre Motlhophi Leo, o gakolotse bagokgo ba dikole go fefogela dingwe tsa dikgang tse di kgoreletsang tsamaiso ka boikarabelo jo ba bo tshwereng go na le go kgobokanya dikgang tse gongwe di neng di ka batlelwa tharabololo mo nakong e khutshwane. 

Mabapi le seemo sa metsi a a tshwenyang ka go ema kwa sekoleng se sebotlana sa Canon Gordon, modulasetilo Leo o supile fa bothata joo e le jo bo tlhokang tharabololo ya sennela ruri ka jaana bo ama motse ka bophara.

 Mogolwane wa thuto mo kgaolong ya Molepolole/Lentsweletau, Mme Maria Dikeme, o gakolotse batsamaisi ba dikole gore tshwetso ya dithuto tsa bananyana e seka ya ama ka gope baithuti ba ba ntseng ba le mo dikoleng.

“Thulaganyo ya go amogela bana ba ba ipaaknyetsang go simolola sekole e tshwanetser go dirwa fela fa e sa kgoreletse ka gope bana ba ba ntseng ba le mo dikoleng, ka jalo e tshwanetse go dirwa ke dikole tse di dirileng thulaganyo e e sa ameng ka gope marutelo a bana ba bangwe,” ga gakolola mogolwane wa thuto.

Mabapi le dikgang tsa botlhokatsebe le diriso ya ditagi ke baithuti kwa dikoleng, Mme Dikeme o tlhalositse fa ba tshwere ka thata go loga maano a a itebagantseng le dikgang tseo.BOKHUTLO

 

 

Source : BOPA

Author : Kebaeditse Baitlotli

Location : MOLEPOLOLE

Event : Phuthego

Date : 22 Oct 2020