Ditlhapi di tlhoka dijo tse di phepa
21 Oct 2020
Mogolwane go tswa kwa Mmadinare Fish Hatchery Rre Seabelo Thekiso a re tlhapi fela jaaka diruiwa tse dingwe e tlhokana le go fiwa dijo tse di siameng e bile di le phepa.
A re barui bangwe ba ditlhapi ba felela ba sa fe ditlhapi dijo tse di tshwanetseng mme dijo tseo di felele di itira botlhole kwa tlase ga metsi a ditlhapi tseo di nnang mo go one.
Rre Thekiso o buile jaana kwa dithutong ka ditlhapi tse di neng di tshwaretswe mo Serowe bosheng di rulagantswe ke ba Mmadinare Fish Hatchery.
Dithuto tseo di ne di itebagantse le banni ba Serowe le metse e e mabapi ba ba nang le kgatlhego ya thuo ya ditlhapi.
Rre Thekiso a re tlhapi e tshwanetse e fiwe dijo tsa yone mme dijo tseo di tshwanetse di kokobale fa godimo ga metsi gore e kgone go di ja.
O tlhalositse fa go na le dijo tse di diretsweng go jewa ke ditlhapi e bile gape go na le selekanyo se se beilweng sa go dira dijo tsa ditlhapi.
O ne a kopa barui ba ditlhapi go ela tlhoko gore ba seka ba jesa ditlhapi sejo sengwe le sengwe go babalela mogote kana botsididi jwa metsi a ditlhapi di leng mo go one.
A re go na le mefuta ya ditlhapi e le masome a fera bobedi ya ditlhapi tse di setseng di bonwe mo lefatsheng leno mme gangwe le gape go batlisisiwa ka malwetse a tsone.
Rre Thekiso o ne a itsise batsena dithuto tseo fa mo lefatsheng leno go letlelelwa thuo ya ditlhapi tse di mo lefatsheng leno fela ka go lemogilwe fa ditlhapi dingwe tse di tswang kwa ntle ga lefatshe leno di na le di-tla morago tse di sa siamang di tshwana le go nyeletsa tse dingwe.
A re mefuta ya ditlhapi e e letlelelwang ke ya catfish le ya tilapia ka go supegile fa di ka nna le dipoelo tse di nametsang e bile di gola ka bonako le mo nakong e khutshwane.
Dithuto-puisanyo tseo di ne di tshwerwe go fa banni ba Serowe le metse e e mabapi ba ba nang le kgatlhego ya go rua ditlhapi lesedi la gore thuo ya tlhapi e tsamaisiwa jang ka go ne go lemogilwe gape gore go na le batho ba le bantsi gone mo kgaolong eo ba ba nang le lerato la thuo ya ditlhapi. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : Serowe
Event : Thuto ka ditlhapi
Date : 21 Oct 2020