Breaking News

Tsela ga e a akanyediwa -Makwinja

21 Oct 2020

Mopalamente wa Lentsweletau/Molepolole, Mme Nnaniki Makwinja o latotse gore tsela ya Lentsweletau/Molepolole e tlaa dirwa mo bogautshwaneng.

O tlhalosa fa tsela eo e sena motlhala ka e sa solofediwa gope mo mekwalong.

Mme Makwinja o rotse mafoko a ka Labobedi fa a ne a lekola magosi le dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse kwa Lentsweletau.

Tsela ya Lentsweletau/Molepolole e tswa kgakala e sa robatse banni ba Lentsweletau ka ba dumela gore fa tsela eo e ka tshelwa sekontere e ka tlhofofatsa mesepele le ditirelo le gone go lere ditlhabololo kwa motseng oo tse mo nakong ya gompieno di latelwang kwa Molepolole.

Fa a rola dikgang tse di tswang palamenteng e e sa tswang go feta,  Mopalamente Makwinja o tlhaloseditse phuthego gore go ne go le maleba gore Tautona a tsweledise seemo sa tshoganyetso ka jaana a ne a tlamega go laola kanamo ya corona.  

A re go ne go le botlhokwa ka jaana mangwe mafatshe a a tlhabologileng a buseditse kiletso mesepele go laola mogare.

O boletse gape gore mo nakong ya seemo sa tshoganetso, lefatshe leno le dirisitse madi a a boitshegang.  

A re se se bakile gore itsholelo ya lefatshe e wele kwa tlase ga masome a mabedi le bone mo lekgolong.

 Ka jalo a re seemo se dirile gore ditiro dingwe tsa ditlhabololo di amege.

Tse dingwe tse di builweng ko palamenteng ke gore go sekasekilwe lenaneo la CEDA.  

Mme Makwinja a re lenaneo le, ka fa le tokafaditsweng ka teng le phuthololetse Motswana letsogo gore a itshetse e bile a itirele khumo ya sennela ruri.

Melao e palamente e neng e eleditse go e fetisa mme e sa kgona go fetisiwa ka lebaka la go tlhoka nako, ke molao o o amang kgokgontsho ya bong.  

A re one molao o, le e mengwe e tlaa fiwa sebaka mo Palamenteng e e tlang ka Ngwanaatsele.

Fa a akgwa mopalamente dikgaba, Kgosi Jack Motswakhumo o ne a re o tshwentswe ke gore banni ba Lentsweletau ba santse ba tsaya COVID-19 motlhofo le ntswa dipalo tsa ba ba tsenwang ke mogare di golela pele.

A re maitshwaro a batho ba a dirang ka mafelo a beke kwa mafelong a go rekisiwang bojalwa ke a a sa kgatlheng le e seng.  

A re batho ba a kgobokana  e bile gape ga ba laolesege.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo ya Lentsweletau East Rre Johane Gopolang o ikuetse ka tsela ya Lentsweletau/Medie a re tsela e, e mo seemong se se sa iketlang  ka e le lerole e bile e baka dikotsi. 

 A re mo nakong eno go setse go nnile le dikotsi tse tharo tse di gapileng matshelo a batho.  

A re moepo wa magala kwa Medie o ne o tshepisitse go dira tsela ya sekontere mme nako kgolo ke eno.

Mongwe wa marara a Lentsweletau, Kgosi Bartler Badisang a re ene o ngongoregela borukutlhi jwa lefatshe jo bo ileng magoletsa mo kgaolong ya Lentsweletau mme bo rotloediewa ke bangwe badirela puso, bogolo jang ba kabo ditsha.  

A re bodiredi jo bo di goga kwa pele mo dikgannyeng tsa go aba lefatshe ka tshokamo mme e re morago go nna le dikgang kgotsa ditsheko e be e le gone ba isang dikgang kwa magosing ntswa ba ne ba sa ba rerisa go le pele.  

A re fa e sale batlhokomedi ba lefatshe ba emisiwa go thusa mo kabong ya lefatshe seemo se bifela pele. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Lindi Morwaeng

Location : Molepolole

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 21 Oct 2020