Breaking News

Bolwetsi jwa molafo bo tlhagogile kwa Gweta

20 Oct 2020

Ba lephata la mathoko a leruo kwa Gweta ba tlhalositse fa go tlhagogile bolwetse jwa molafo kwa motseng oo.

Mo potsolosong le mogolwane wa lephata leo kwa Serowe ka Labobedi, Dr Jaone Sebina o tlhalositse fa ba setse ba bone dintsa dile tharo tse di supileng dikai tsa bolwetsi joo, e bile di setse di lomile batho bangwe.

Dr Sebina o tsweletse ka go tlhalosa gore ngwaga le ngwaga ba tswa letsholo go kentela dintsa le dikatse bolwetse joo, mme ka nako tsotlhe ba nna le bothata jwa gore batho ga batlise dintsa tsa bone go tla go kentiwa.

A re se ke sone se dirang gore go nne le kgonagalo ya go tlhagoga ga bolwetse nako nngwe le nngwe. 

Dr Sebina o gateletse botlhokwa jwa go kentela dintsa le dikatse molafo ka nako tsotlhe. 

O tlhalosa fa go le motlhofo go lemoga dikai tsa bolwetsi joo, fa diruiwa tseo di tlhokomelwa ke beng.

Dr Sebina a re mo sebakeng seno, ga bana lenaneo la go tlhokomela dintsa kana dikatse tse di latlhilweng ke beng ba tsone, ka jalo o kopile gore batho ba seka barua dilo morago ba di latlhelele ka se se ka baka gore di tsamaye gongwe le gongwe mme di felele di nna diphatsa mo setshabeng.

O tsweletse ka go tlhalosa gore e tlaa re mo bekeng e tlang, ba tswe letsholo la go kentela molafo mo kgaolong yotlhe ya Nata/Gweta ka maikaelelo a go lwantsha kanamo ya bolwetse.

O ne gape a gakolola batho go potlakela kwa kokelong fa ba lomilwe ke dintsa tse di supang dikai tsa bolwetse joo, gape a kopa gore ba tswa setlhabelo ba tshwanetse go feta ka bone gore ba kgone go rurifatsa gore a ntsa eo, e ne e kile ya kentelwa molafo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Goitsemodimo Williams-Madzonga

Location : GWETA

Event : Posolotso

Date : 20 Oct 2020