Breaking News

Spar se diragatsa maikano

20 Oct 2020

Badiri ba Spar mo Kanye ba bolokile Rre George Latelang ka matlhatso morago ga go wela ga ditlhotlhomiso tsa mapodise.

Rre Latelang o ne a fitlhelwa a tlhokafetse kgwedi e e fetileng e tlhola malatsi a le masome a mabedi le borataro mme go belaelwa fa a bolailwe ke mosi morago ga go sha ga ntlo e a neng a nna mo go yone. 

Ba Spar ba ne ba ithaopela go tlhokomela Rre Latelang go tloga ka ngwaga wa 2016 morago ga go lemoga fa go sena yo a mo tlhokomelang, ka jalo ba tsaya tshwetso ya go mmoloka go tsweledisa maikano a bone.

Mookamedi wa pele wa Spar, Mme Florence Ortell o ne a tlhalosa fa ba ne ba agela Rre Latelang ntlo ka 2016 ka lenaneo la bone la go direla setshaba.

Mme Ortell o boletse fa ba ne ba bona go tshwanela gape gore ba mo thuse ka dijo, melora, diaparo le madinyana  a itshetso ka jalo ba ne ba mo neela P600 kgwedi le kgwedi le go duela P100 wa lenaneo la phitlho kwa Lyns. 

A re mo godimo ga tsotlhe, ba ne ba mo thapela mme mongwe go mo tlhatswetsa, apeela le go phepafatsa fa a nnang teng. 

O tlhalositse fa mme wa teng e le ene yo o neng a ba bolelela ka Rre Latelang le letlhoko la gagwe mme morago ba kopana le ba kabo ditsha go kopa fa ba ka mmeelang mosasana teng.

O boletse gape fa Rre Latelang, yo o neng a tsholetswe kwa Lokgwabe ka ngwaga wa 1955, a ne a sena ope wa losika mo Kanye. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Ikotlhaeng Rantopele

Location : KANYE

Event : Phitlho

Date : 20 Oct 2020