Banna ba tla arabela go tshosetsa bapagami ka tlhobolo
20 Oct 2020
Mapodisi a Rakops ba tshegeditse banna ba le babedi ka molato wa go tshosetsa bapagami ba base ya Motsatsi ee tswang Maun e ya Gaborone, beke ee fetileng.
Mo potsolosong le BOPA, mogolwane wa mapodisi a e seng a seaparo, Superintendent Livingstone Mado, o boletse fa borre bao, wa dingwaga tse di masome mararo le bobedi, le wa dingwaga tse di masome mabedi le bobedi, ba ne ba palame le batho ba bangwe go tswa Maun.
A re erile mo tseleng, base e lebile Rakops, borre bao ba simolola go nwa bojalwa, ba kgalemelwa, mme ba ganana le kgalemo.Supt Mado a re ke fa moragonyana, mongwe wa bone a ntsha tlhobotswana ka bogale, a ngongoregela go kgalengwa, a ba a tshosetsa gore o tla ba thuntsha, fa ba tswelela ba ngongoregela go nwa bojalwa ga bone.
A re erile mosepele o tsweletswe, mongwe wa bapalami a loma mapodisi tsebe ka sephiri, ka mogala wa letheka, ba ba neng ba emela base fa motseng wa Rakops, ba tshwara borre bao.
Supt. Mado a re ba fitlhetse tlhobolo eo, e na le lerumo le lengwefela, mme borre bao ba bolela fa tlhobolo ese ya bone, ba e bona fela mo baseng. Borre bao go bolelwa ba ne ba tswa kwa motseng wa Khwee, kwa ba neng ba hirilwe teng.
Supt. Mado o boletse fa rre yo mongwe ele wa Maitengwe, fa yo mongwe a tswa ko Letlhakeng, mme a re ba tla ya go itshupa fa pele ga lekgotla la mmakaseterata mo bogaufing.
Mo go tse dingwe, monna wa dingwaga tse di masome mane le botlhano go belaelwa a bolaile mokapelo wa gagwe wa dingwaga tse di masome mane le borataro, kwa motseng wa Mokubilo beke ee fetileng.
Rre Mado o boletse fa rre yoo, go belaelwa a iteile mme yoo, ka sengwe mo tlhogong, mme a tlhokafala.
O boletse fa monna ele motho wa Marobela, fa mme ele wa Mokubilo.
A re go bolelwa fa monna a ne a belaela gore mosadi o ka tswa a ratana ka gore o ne a bua le mogala kgapetsakgapetsa kwa ntle ga ntlo.
Supt. Mado o boletse fa mmelaelwa a ne a itshupa fa pele ga lekgotla la ga mmakeseterata ko Letlhakane beke ee fetileng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : LETLHAKANE
Event : Posolotso
Date : 20 Oct 2020