Breaking News

Kgosi Moatsheng o lela ka ditlhabololo

20 Oct 2020

 Kgosi Bafentse Moatsheng wa Metsibotlhoko mo kgaolong ya Takatokwane o lela ka letlhoko la ditlhabololo mo motseng wa gagwe.

E rile Kgosi a bua mo potsolosong le BOPA , a supa fa letlhoko la ditlhabololo le baka gore motse wa gagwe o salele ko morago.

Kgosi Moatsheng a re o sale a kopile gore kgotla ya gagwe e tsholediwe maemo gore e kgone go sekisa le go nna le lepodise la kgotla, a tlatsa ka gore seo ke nngwe ya dilo tse di busetsang motse wa gagwe ko morago.

A re o sale a kopile gore motse wa gagwe o thusiwe mme ga go nko e tswang lemina mme e bile seemo se thatafalela pele ka jaana borukhutlhi le jone bo ya magoletsa.

O ne a supa fa go tlhatlosiwa maemo ga kgotla ya gagwe go ka tla ka dilo tse di molemo ka gore kgosi o ka kgona go sekisa mme mo nakong ya gompieno ga a na thata epe e bile bangwe mo morafeng wa gagwe ba nyatsa tiro ya gagwe ka ba itse fa a sa kake a ba dira sepe.

Mo godimo ga moo, a re morafe wa gagwe o sokola ka go kopa setempe, selo se e leng gore ba ka bo ba filwe dithata tsa go dira jalo.Kgosi Moatsheng a re borukhutlhi le jone bo ile magoletsa mo kgaolong ya gagwe mme e bile banana ba dira dilo tse di maswe morago ga go nwa bojalwa.

A re dintwa tse batho ba gobatsanang di nna kgapekgapetsa mme seo se a tshwenya fela thata. 

O ne a tlatsa ka gore go na le tiego fa ba kopa dithuso mo go ba sepodise fa gona le diemo tseo mme go ne go ka nna molemo fa go ne go na le sepodise mo motseng.

Kgosi a re gantsi ba dirisa babereki ba clusters mme le bone ga go na sepe se ba ka se diriang bogolo jang fa e ele gore ba tshwanetse go latela dirukhutlhi ebile ba sena koloi ya go dira jalo.

 Mo go tse dingwe Kgosi a re o kopa gore ba okelediwe dipalo tsa Ipelegeng ka jaana motse wa gagwe o gateletswe ke lehuma.

A re lenaneo la Ipelegeng le mosola fela thata ka le ntsha batho ba le bantsi mo tlaleng.

Kgosi Moatsheng a re o tshwenngwa ke tsela e e ba golaganyang le motse wa Khudumelapye ka ba sa bolo go solofetswa gore e tla dirwa mme nako kgolo eno.

A ba ne ba solofeditswe gore tsela eo e tla tsennngwa sekonotere mme ga ba itse gore gare gone ga tsena eng ka go sena yo o ba bolelelang le gore tiego e bakilwe ke eng le gore go ya pele go tla dirwa jang.

Kgosi a re tsela ka bo yone e tlisa ditlhabololo mo motseng mme e bile banana ka bontsi ba ka bona ditiro gore ba kgone go itshetsa, ka jalo o kopa puso gore e ba direle tsela eo gore matshelo a bone a tokafale.

O ne a supa fa motse wa gagwe o godile fela thata ka jalo o tlhokana le itshireletso ya semolao le mapodisi mo kgotleng.Kgosi Moatsheng o ne a wetsa ka go kopa Tautona Dr Mokgweetsi Masisi go etela motse wa bone ka seo se ka thusa gore dilelo tsa bone di arabiwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : METSIBOTLHOKO

Event : Posolotso

Date : 20 Oct 2020