Dikgosi di tlaa rutuntshiwa ka tsamaiso ya ditsheko
20 Oct 2020
Mothusa tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae,Rre Kgotla Autlwetse a re dikgosi ditla rutuntshiwa ka tsamaiso tsa ditsheko.
Fa a buisa dikgosi tsa kgaolo ya Ghanzi bosheng, Rre Autlwetse o tlhalositse fa ba lemogile gore dikgosi dingwe ga di tlhaloganye ditsamaiso tsa ditsheko ka jalo ba bone gole botlhokwa go tsaya kgato ya go ba rutuntsha.
Le fa go ntse jalo o tlhalositse fa thutuntsho e etla bo e ikaegile thata ka go dirisa dikgosi tse di setseng di itse tiro go ruta ba bangwe, a tlatsa ka gore go rutuntsha gase go isa motho kwa sekolong fela ka motho a kgonwa go rutwa mo tirong ya gagwe ya letsatsi le letsatsi.
A re maikaelelo ke go bona dikgosi di tsamaisa ditsheko ka manontlhotlho ba sa tsee matlhakore, le gore ba nne le dikitso tse di rileng go itepatepanya le dipaka kgotsa diemo tsa segompieno.
O ne a gatelela gore go a supafala gore dikgosi dingwe ga di na kitso ka ditsheko, a supa gore le dipotso tse ba di botsang e nna ekete ba tsaya letlhakore.
Mo godimo ga moo ,Rre Autlwetse a re lephata la gagwe le na le maikaelelo a go gokela maranyane a ‘wifi’ mo dikgotleng, ebile dikgotla dile makgola matlhano le masome a mabedi (520) di setse di thophilwe tse go tla simololwang ka tsone.
A re se se tla thusa dikgosi go ikoketsa dikitso tsa ditsheko ka ba tla leba dikatlholo tse di direlweng ke ba bangwe mo maranyaneng le go ithuta melao ka go farologana.“Le fa a sekisa o kgona go tsena mo maranyane go leba ditsetlana dingwe tsa molao,” ga bua jalo Rre Autlwetse.
A re maranyane ao gape atla thusa le banana ba metse eo.
O ne a kopa dikgosi go nna le seabe sese rileng sa go lwantsha kgokgontsho ya bong ye a reng ga e jese diwelang. A re ba tshwanetse ba ruta morafhe ya bone boikgapho le tlotlo.
Kgosi Mbao Kahiko III wa Charleshill le ene o ne a dumalana le Rre Autlwetse gore dikgosi di tshwanetse go di goga kwa pelo mo go lwantsheng kgokgontso ya bong ka go ruta morafhe ya bone tse di tshwanetseng.
Kgosi Kahiko III one gape a galaletsa mogopolo wa go rutuntsha dikgosi a supa fa bangwe ba sena dikitso dipe mabapi le merero ya ditsheko mo ebileng ba beile thatayotlhe mo modimong fela.
A re dikgosi di berekela mo mabakeng a a thata, ba arametse dipuo tse di botlha bile ba a tshosediwa, ka jalo a re puso e akanye go ba fa lemmenyana le le emisetsang mabaka a ba tshelelang mo go one kana.
Mo mafokong a malebo, Mopalamente wa Ghanzi Bokone, Rre Johane Thiite o ne a getelela botlhokwa jwa go rutuntsha dikgosi, a re se se ka tokafatsa ditsheko e bile ba ka dira tiro ya bone ka botswapelo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mothusi Galekhutle
Location : GHANZI
Event : Phuthego
Date : 20 Oct 2020