Breaking News

O tshwaretswe go phoraphora ngwana

20 Oct 2020

 Mookamela mapodisi a Middlepits mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa, Assistant Superintendent Kebadire Mmopi a re ba tshegeditse monna mongwe mabapi le go phoraphora mosetsanyana wa dingwaga tse di lesome le bongwe kwa motseng oo.

Ast Supt Mmopi o tlhalositse fa tiragalo e, e begetswe mapodisi kgwedi eno e le lesome le boraro, morago ga gore ngwana a begele malomaagwe yo o ileng a itsise mapodisi.Ast Supt Mmopi o ne a tlhalosa fa go belaelwa mmelaelwa a simolotse go phoraphora ngwana la ntlha ka nako ya kiletso mosepele ka Moranang.

 Rre Mmopi a re ngwana o boleletse mapodisi fa monna yo, a ne a ratela kwa ga bone go le bosigo mo ntlung ba robetse le mmaagwe, mme a feta a tsena mo dikobong tsa gagwe, mme e rile a utlwa ngwana a kua a le botsa phokoje.

Mookamela mapodisi a re mo tiragalong ya bobedi, monna yo, yo o dingwaga tse di masome mararo le botlhano o ne a ipoeletsa gape bosheng a ya go phoraphora ngwana jaaka a tlwaetse, mme a felela a kua gape mme a inaya naga.

Assistant Superintendent Mmopi o boletse gore ka ntlha ya kgatelelo ya bojalwa, mmangwana ga a ka a lemoga sepe.

Ast Supt Mmopi a re ngwana o boletse fa a ne a begela mmaagwe, mme a seka a tsaya kgato epe.

A re mmelaelwa go lebega e ne e le tsala le batsadi ba ngwana yoo, yo o dirang lokwalo lwa borataro kwa sekoleng se sebotlana sa Middlepits.A re mo nakong ya gompieno ba tshegeditse monna yoo go ba thusa mo ditlhotlhomisong, fa mmangwana le ene a tlaa lebisiwa molato wa go itlhokomolosa ngwana, ntswa a ne a mo itsesitse ka se se mo diragalelang.

O boletse fa go belaesega fa monna yoo maikaelelo e ne e le go tlhakanela dikobo le ngwana yoo, mme ka lesego ga retela.

Ramapodisi o boletse fa gape ba tlhotlhomisa petelelo kwa Khawa, e mo go yone monna mongwe a tlhakanetseng dikobo ka dikgoga le mme mongwe, mme go belaesega e ne e le baratani pele.

Ast Supt Mmopi o ne a tlhalosa fa bobedi joo, bo ne bo le kwa sepotong sengwe, mme ya re go le maitseboa monna yo a buledisa mokapele wa gagwe. Mookamela mapodisi o supile fa e ne ya re morago go setse go le bosigo, monna yo a nanabela go ya go tlhakanela dikobo le mme yoo ntleng le ditumalano, mme ga retela ka bana ba ne ba lemoga mme ba tlhaba mokgosi.

Ga twe monna o ne a tla gape a tla go betelela mme yoo mo matlhong a bana.

Rre Mmopi a re mo nakong ya gompieno, monna yo o mo diatleng tsa mapodisi go ba thusa mo ditlhomisong mabapi le tiragalo eo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : MIDDLEPITS

Event : Posolotso

Date : 20 Oct 2020