Molao o kgothatsa banni go itlhokomela
20 Oct 2020
Tona wa Thuto go tswa kwa Moding, Rre Fidelis Molao a re go supagetse fa baithuti bangwe ba ba tshwarwang ka mogare wa corona, bontsi jwa bone ba o tsaya kwa malwapeng.
Rre Molao o buile jalo fa a ne a rola semmuso lefelo le baithuti ba phuthaganelang mo go lone le le agilweng ke ba Botswana Savings Bank kwa sekoleng se sebotlana sa Mphinyane kwa MafungoHubona ka Mosupologo.
Rre Molao a re mafatshe ka bontsi a apesitswe kobo ka letshoba ke COVID-19, mme a gakolola setshaba go fokotsa metsamao e e sa tlhokafaleng go ipabalela le go babalela bana, ka go nna ba sala ditaelo tsa ba botsogo morago.
Rre molao a re dipalo tsa mogare wa corona di gola letsatsi le letsatsi, ka jalo a kopa batho go itlhokomela gongwe le gongwe fa ba leng teng go itsa kanamo ya mogare.
Fa a itebaganya le tiro ya letsatsi leo, Tona Molao yo gape e leng Mopalamente wa Shashe Bophirima, o ne a leboga Botswana Savings Bank tiro e ntle e ba e dirilengA re leobo leo le tlaa tsisa pharologanyo mo sekoleng seo, bogolo jang ka nako e e thata ya COVID-19, ka le bulegile gape le ruletswe, ka jalo sekole se tlaa kgona go tshwara diphuthego tsa sone se sa kgorelediwe ke sepe.
Rre Molao o boletse fa sekole seo sa Mphinyane se tswa kgakala se dira botoka mo maduong a ditlhatlhobo a lokwalo lwa bosupa fa e sa le ka 2015.
A re ngogola sekole seo se dikile se pasitse thata ka se tsere maemo a ntlha bana ba pasitse botlhe.
Fa a akgola ba banka eo, a re ba tswa kgakala ba tshwaragane le ba lephata la thuto ka ba dikile ba abetse dikole dingwe dithiba molomo le nko di le sekete le makgolo matlhano le go agela bangwe matlo.
Mothusa modulasetilo wa banka eo, Rre Thatayaone Gabaraane a re banka e sale e nna teng ka 1992.
Rre Gabaraane a re banka e na le thulaganyo e mo go yone ba tswelang kwa ntle go thusa batho, e le bontlha bongwe jwa go lebogela batho tirisanyo mmogo fa gare ga banka le batho.
A re mo thulaganyong ya bone ya corporate social responsibility, ntlha e ba e lebileng thata ke go thusa dikole go tokafatsa thuto ka go tsenya letsogo jaaka ba dirile kwa Mphinyane go dira bophuthegelo jwa sennelaruri jo bo ka emelang dipaka tsotlhe tsa ngwaga.O boletse gore ka 2018, ba ne ba abela dikole tse pedi kwa Mathangwane le se se kwa Sebina dibalamakgolo.
Ba BSB ba ne ba ala ditena fa fatshe ba bo ba rulela, tiro e yotlhe e lopileng P 5000 ba bo ba abela baithuti dithiba molomo le nko.
E ne e rile pele fa a amogela baeng,mogokgo wa sekole seo, Mme Motlalepula Makhila a bolela fa tshwaragano le tirisanyo mmogo ya batsadi le barutabana ba sekole seo e le ya maemo a ntlha.
Mme Makhila a re ntswa sekole seo se lebanwe ke dikgwetlho fale le fale, popagano le tshwaragano le batho mo motseng ke tsone tse di dirang gore sekole seo se nne le maduo a a melediwang mathe ke mongwe le mongwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : MAFUNGOHUBONA
Event : pulo semmuso lefelo le baithuti
Date : 20 Oct 2020