Breaking News

Metsi a botlhokwa mo go tsholetseng seriti

19 Oct 2020

Modulasetilo wa mokgatlho o o itlamileng go thusa ba ba tlhokileng lesego mo botshelong mo lephateng la theko le thekiso ya dithoto la khansele ya Bokone Bophirima Rre Gaotswesepe Barwatlhapi a re metsi a botlhokwa mo go tsosoloseng le go aga seriti sa motho.

Rre Barwatlhapi o tlhalositse se fa mokgatlho wa bone o abela ba lelwapa la ga Rre Bakang Moxamane pompo ya metsi ka Labotlhano kwa Bodibeng mo kgaolong ya Bokone Bophirima.

O ne a bolela fa maloko a kgobokantse P1 700 go tswa mo dipateng tsa bone ka maikaelelo a go thusa ba lelwapa la ga Rre Moxamane.

Rre Barwatlhapi a re go thusa ba lelwapa la ga Rre Moxamane go supa fa ba santse ba tshegeditse lengwe la matshego a a beilweng ke Tautona wa pele la tshaba e e kgathalang ka matshelo a batho e bile e na le kutlwelobothloko.

Fa a latlhela tlhware legonnyana, mokhanselara wa Bodibeng, Bothatego le Somelo Rre Mmolotsi Karisaza o ne a rotloetsa ba lelwapa la ga Rre Moxamane go somarela mpho e ba e abetsweng ke mokgatlho gore e tle e ba tswele mosola mo go tokafatseng matshelo a bone.

Rre Karisaza o ne a akgola mokgatlho oo a supa fa o dira tiro e ntle e e ka thusang go nyeletsa lehuma ka e bile lefatshe le apesitswe kobo ka letshobo ke corona.

Fa a tswa la gagwe, Kgosi Paul Mbaeva wa Bodibeng o ne a bolela fa go abela ba lelwapa la ga Rre Moxamane pompo e le sekao sa tlhokomelo le lerato mo matshelong a batho.

“Go sego letsogo le le abang go na le le le amogelang ka gore le le abang le tlaa segofadiwa go feta.Ke le eleletsa masego le matlhogonolo mo tirong ya lona,” ga bua Kgosi Mbaeva.

Kgosi Mbaeva o ne a supa boitumelo ka go akgola mokgatlho oo wa go thusa ba ba tlhokileng lesego mo botshelong a bo a ba rotloetsa go tswelela ba tshegeditse maitlamo a bone.

Fa a amogela pompo ya metsi mongwe wa ba lelwapa la ga Rre Moxamane e bong Mme Kebuwang Moxamane o ne a supa fa tiro ee  dirilweng ke mokgatlho e tlaa tokafatsa matshelo a bone ka go ya go nna motlhofo mo go bone go dira ditiro tsa bone tsa letsatsi le letsatsi di akaretsa go apaya le go tlhapa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kgosietsile Bontsi

Location : BODIBENG

Event : kabo dimpho

Date : 19 Oct 2020