Tshwaraganang le puso lo lwantshe corona - Motlhagodi
19 Oct 2020
Moeteledipele mo lekgotleng la dikereke tsa semowa (OAIC), Archbishop Philimon Motlhagodi o kgothaditse dikerere go tshwaragana le puso ka go sala morago melawana ya botsogo ka dinako tsotlhe.
A re se, se ka thusa go lwantsha mogare wa corona le go thibela kanamo e e tsweletseng ka go golela pele mo lefatsheng.
Moeteledipele o buile aana mo loetong lwa gagwe kwa Tsabong bosheng lo maikaelelo a lone e neng e le go tsibosa dikereke ka bolwetse le gone go tlhola botsogo jwa dikereke tsa semowa le dikgwetlho tse ba kopanang le tsone.
O boletse fa COVID-19 e le mmaba yo o tlhakatlhakantseng botshelo jwa batho, dikereke le mafatshe ka bophara ka bangwe ba latlhegetswe ke ditiro ka ntlha ya go tswalwa ga madirelo le kwelo tlase ya itsholelo.
A re e re ka botsogo jwa motho bo le botlhokwa go mo maruding a baruti ka e le bone badisa ba dinku go tlhomamisa gore ba dira mmogo ba le seopo sengwe ka go ikgapha mo go tsennweng ke corona le setshaba ka kakaretso.
O ne a kgothatsa baruti go tsaya boikarabelo jaaka tiro ya bone e le go tlhokomela diphuthego, go bopa, go aga le go rerela setshaba mafoko a a molemo.
Moeteledipele Motlhagodi a re go a swabisa gore le mo nakong eno ya COVID-19 baruti bangwe ba bo ba sa ntse ba lwa mo dikerekeng mo di felelang di thubega mme ba tlhame tse dingwe tse mo gongwe di sa obameleng ditsamaiso tsa puso.
Rre Motlhagodi o ne a supa fa go sa ntse go tshwenya gore go bo go na le batho ba ba sa ntseng ba sa obamele melao ya COVID-19, bogolo jang kwa marekisetsong a majalwa, selo se a reng ba ipaya mo diphatseng le setshaba ka kakaretso.
Moeteledipele wa OIAC o ne gape a gwetlha borre go ya go itlhatlhobela HIV.
Fa a ntsha pego ya kgaolwana ya Tsabong, Bishop Potlaki Seumako o ne a tlhalosa fa ba ne ba tsamaya mo dikerekeng tsa semoya go ba rekisetsa OAIC mme a re se se swabisang ke gore dikereke dingwe ga di tseye tsia lekgotla le.
Bishop Seumako o ne a supa fa gape ba ne ba tsamaya mo kgaolwaneng ya Tsabong le metse e e mabapi go tsibosa maloko ka corona le go lekola gore a ba obamela melawana. A re ba ne ba itemogela gore dingwe di a iteka, fa dingwe di sa tsene ka di sena tse di tlhokafalang go laola bolwetse, bogolo jang dikapa mogote.
A re go tswa ka tharabololo ba ne ba dira thuganyo le boeteledipele gore ba bue le ba madirelo gore ba kgone go di reka ka tlhwatlhwa e e kwa tlase, selo se a reng dikereke ka bontsi di ne tsa se kgona.
Bishop Seumako o ne a supa fa dikereke ka bontsi di tlhoka ditsha tsa kobamelo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Loeto la ga Moeteledipele
Date : 19 Oct 2020