Se kgotleleng bogosi ka sepolotiki - Autlwetse
19 Oct 2020
Mothusa tona wa Lephata la Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Kgotla Autlwetse o kopile dikgosi go ilela bogosi e seng go bo kgotlela ka sepolotiki.
Fa a buisa dikgosi tsa kgaolo ya Ghanzi bosheng, Rre Autlwetse o ne a supa matshwenyego a gore dikgang tsa bogosi di setse di rarabolowa kwa makgotleng a ditsheko, tiro e e tshwanetsweng ke go dirwa ke morafe mo kgotleng.
A re se se tlhotlhelediwa ke sepolotiki se se setseng se le sentsi mo bogosing.
A re fa kgosi a hulara kgotsa a tlogela bogosi ka mabaka a bogodi go tshwanetse ga nna le therisanyo le morafe gore o tlaa tlhatlhangwa ke mang
Rre Autlwetse a re Bogosi Act, e supa sentle gore morafe mo kgotleng ke one o tshwanetseng go ntsha leina le le lengwe gore kgosi e ka nna mang, kgotsa fa ba feta bongwe ba dire morero gore ke mang bo mo tshwanetseng.
O ne a tlatsa ka go re le mo bogosing jo bo tsalelwang ga se ngwana mongwe le mongwe wa kgosi yo o ka nnang kgosi, ‘ditiro tsa gagwe di kgona go sa moletla jaaka fa dikgang dingwe di le kwa makgotleng a ditsheko kgotsa a inaakantse le ditiro tsa borukutlhi, a supa gore motho wa gonna jalo fa a ka fiwa setilo e tlaa bo e le go tlhapatsa bogosi.”
A re bogosi ke selo se se sisimogwang ka gore ke seipone sa morafe, mo godimo ga moo morafe o ipela ka jone.
O ne a kgala a sa kgwe mathe ba e a reng ba neetswe thata ya go tsamaisa morero wa go batla yo o ka tlhatlhamang kgosi ba bo ba tsaya mathakore, a re ke sone sepolotiki se se senyang bogosi.
O ne gape a supa matshwenyego a gore ntswa bogosi e le sefalana sa ngwao, ngwao e tsweletse ka go latlhega.
Kgosi Simon Kambura wa Makunda a re puso e tshwanetse ya tlhama lephata la ngwao le tsamaiso ya makgotla a Setswana ka gore bokgosi ke bone ba tshwereng ngwao. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mothusi Galekhutle
Location : GHANZI
Event : Phuthego
Date : 19 Oct 2020