Breaking News

Maiteko a morui a gwetlha thuso ya ga Tautona Masisi

19 Oct 2020

 

Maiteko a ga Rre Paymaster Simon a gwetlhile Tautona Dr  Mokgweetsi Masisi go tshwaela Phelefu e e tlaa mo tsamaisang tshipidi go fitlhelela ditoro tsa gagwe tsa go ntsha nama ya boleng. 

E rile fa a aba mpho eo ka Matlhatso kwa morakeng wa Sebotshwane, Tautona Masisi o kaile fa Rre Simon e le Motswana yo o eletsegang ka a na le boikarabelo e bile a tlhophile go disa letsomane la gagwe gore a itsenye dijo ganong. 

Tautona o boletse fa se, se mo gwetlhile gore a abele morui yoo phelefu e e nang le boleng gore a tle a bone dipoelo tse di botoka. 

Are Rre Simon o itshupile fa a na le maikaelelo a go ya golo gongwe ka a nna le leruo la gagwe. A re se, se supile fa a le pharologanyo le barui ba bangwe. 

Ka jalo Tautona Masisi a re maiteko a ga Rre Simon a tsamaelana le tebelopele ya 2036 ya go fetlha khumo e e ka isang lefatshe leno kwa pele. 

Tona wa Temo Thuo le Tokafatso Dijo, Rre karabo Gare o iteetse kobo moroko mafoko a ga Tautona, a tlatsa ka go re, fa Rre Simon a ka tlhokomela phelefu eo e ka mo ntshetsa dikonyana tse di nang le boleng mo nakong e e sa fediseng pelo. A re se se kgonagala fela fa go na le tlhokomelo e e tseneletseng. 

Tona o tlhalositse fa nama ya nku e tlhaela mo lefatsheng leno. A re mo nakong ya gompieno lefatshe le tlhoka selekanyo sa 536 metric tonnes sa nama ya nku. Are sekale se, se tlhaelela kgakala ka gompieno lefatshe leno le ntsha selekanyo se se fetang 300 metric tonnes go se gonene. 

A,re tlhaelo e, e raya gore lefatshe leno le isa ditiro kwa ntle ga lefatshe. 

Mopalamente wa kgaolo ya Takatokwane Rre Friction Leuwe o supile fa a tletse boitumelo ka lenaneo la ga Tautona la go aba dihutshane. 

A re phelefu e e abetsweng Rre Simon o e file leina la Transformation e le bokao jwa gore Rre Simon le ene ke mo-tsaya karolo mo diphetogong tse Tautona a tshelang a bua ka tsone ka e bile e le ene moletsa phala wa Vision 2036. 

Fa a tswa la gagwe, Rre Simon o supile fa a tletse boitumelo ka a ne a sa solofela mpho e e kalo kalo. 

Tautona o ne a patilwe ke baemedi ba mafatshe a sele e bong wa United Kindom Rre Sian Price ga mmogo le wa Russia Dr Viktor Sibilev. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lindi Morwaeng

Location : SEBOTSHWANE

Event : Kabo dimpho

Date : 19 Oct 2020