Breaking News

Dikereke di gwetlhilwe go kgala kgokgontsho

19 Oct 2020

Dikereke di gwetlhilwe go tswela kwa ntle gore lentswe la tsone le utlwale kgatlhanong le dikgang tse di tshwenyang jaaka kgokgontsho ya bong, dipetelelo le go dirisa bana botlhaswa.

Mothusa mmatoropo wa Jwaneng e bile e le mookamedi wa kereke ya Revelation Blessed Peace, Rre Themba Pema o buile jaana ka Labotlhano, kwa tirong ya go tswalela kgwedi ya merapelo, kwa kgotleng kgolo ya ga Ngwaketse kwa Kanye.

Bishop Pema o tlhalositse gore ditiro tse dingwe tse di amanang le merapelo tsone di a tswelela.

A re lefatshe leno le tlhasetswe ke kgokgontsho ya bong, a ba a tlhalosa fa le borre bangwe ba kgokgontshiwa ka ditsela tse di farologanyeng, nngwe ya tsone e le kgokgontsho ya maikutlo.

A re dikereke di tshwanetse go nna sekao mo go obameleng melawana ya botsogo, ya go lwantsha kanamo ya COVID-19.

Mo go tse dingwe, Bishop Pema o kopile boeteledipele jwa dikereke le batsadi go ruta bana botlhokwa jwa go itse Modimo, le go ikgapha mo go tsenweng ke mogare wa HIV, ka le one e sa ntse e le kgwetlho mo lefatsheng leno.

A re boimana jwa banana le jone bo a tshwenya, ka bo senyetsa bana bokamoso, a re mme ba ka tila mathata a ka go letela lenyalo ba sa ga tlhakanele dikobo.

Bishop Pema a re o lemogile gore bomme ba salela morago mo go tseeng maemo a boeteledipele, e ka tswa e le kwa dikerekeng kgotsa kwa mekgatlhong ka go farologana, ka jalo a ikuela mo baeteledipeleng ba dikereke go neela bomme maemo kgotsa boikarabelo.

O tlhalositse fa bomme ba le bantsi ka dipalo mo setshabeng, ba na le boikarabelo gape ba itse go tshwara madi sentle.

Bishop Pema gape o kopile batsadi le dikereke ka go farologana go kgothatsa banana go tsaya mananeo a puso a a tshwaetsweng banana gore ba kgone go itshetsa, bogolo jang ka COVID-19 e amile makalana mangwe.

Pastor Poloko Dipheko wa kereke ya Assemblies of God, ene o ne a kopa setshaba go itshwarelela ka Modimo gore se kgone go fenya COVID-19.

O ne a nopola mafoko mo go Jeremiah 33:3 e e reng mpitsa ke tlaa go araba ke ba ke go bontsha ditiro tse dikgolo.

Modulasetilo wa lekgotla la baruti mo Kanye, Bishop Vivian Masibi ya re a ntsha la gagwe a tlhalosa fa ba ne ba simolodisa kgwedi ya merapelo ka Lwetse, mme jaanong ba tswalela tiro eo semmuso.Fa a leboga, Moruti Okathusa Porati-Mashabane wa Apostolic Faith Mission, o ne a leboga Kgosi Malope II yo o neng a tsene tirelo eo, go bo a file dikereke kgololesego ya go tshwara merapelo mo kgotleng, le go rapela ka kgololesego mo motseng.

A re seo ke go supa tshwaragano magareng ga lekgotla la baruti le bogosi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kenanao Ntsimane

Location : KANYE

Event : kgwedi ya merapelo

Date : 19 Oct 2020