Phetogo e tshwanetse go tokafatsa batho
19 Oct 2020
Mothusa tona wa Dikgaolo le Tlhabololo magae, Rre Sethabelo Modukanele a re lefatshe le tshelela mo nakong ya diphetogo, mme diphetogo tseo di tshwanetse go tokafatsa matshelo a batho.
O buile jaana ka Labotlhano fa a buisa diphuthego tsa kgotla kwa Poloka, Mokgenene le Otse, a supa fa ka nako ya kiletso mesepele mananeo a mantsi a ne a fetoga, mme a tlhalosa fa a tlaa boa a tlhabolotswe gore a tsamaelane le nako ya gompieno ya COVID-19, go tokafatsa matshelo a Batswana.
Rre Modukanele a re puso e ne ya tsibogela COVID-19, maikaelelo e le go sireletsa Batswana, ka jalo puso ya tlamega go emisa mananeo a tshwana le la Ipelegeng, mme seo, sa ama matshelo a Batswana, bogolo jang ba ba mo dikgaolong ka ba ikaegile ka yone.
“Go emisiwa ga Ipelegeng go amile matshelo a lona, mme re dumela fa dilo di tlaa boela mo maemong ka jaana lenaneo le setse le boetse,” ga bua mothusa tona.
A re ka Setswana se re mafoko a kgosi a agelwa mosako, Batswana ba ka tsaya molaetsa wa go emisa kgokgontsho ya bong ka tlhoafalo fa o tswa mo dikgosing, ka jalo a rotloetsa dikgosi go gasa molaetsa kgatlhanong le kgokgontsho mo merafeng. A re bana ba tshwanetse go rutwa ba sa le bannye gore lorato ga lo supiwe ka kgokgontsho.
Fa a araba matshwenyego a banni, o tlhalositse fa a tlaa isa dingongorego tse dingwe kwa maphateng a a maleba.
Mothusa tona o ba lebogetse go bo ba sa ipone tsapa ka go lema, le go rua ntswa ba tlhaelelwa ke ditlamelo di tshwana le bakenti le balemisi. Mopalamente Aubrey Lesaso o kopile mothusa tona gore le fa go na le tlhaelo ya madi, letlhoko la metsi, mooki yo o belegisang le koloi ya kokelwana di tshwanetse go tsibogelwa. A re banni ba kgaolo ya gagwe ba sotlwa ke batho ba ba ba thapileng mo dipolaseng ka go ba fa dituelo tse di kwa tlase e bile ba sa tlotle babereki.
O rotloeditse setshaba go ipabalela mo mogareng wa COVID-19, a supa fa go ka nna thata gore ba ka bona dithuso ka bonako fa ba ka tsenwa ke mogare ka jaana ba le kgakala le ditlamelo.
Mothusa tona le lekoko la gagwe ba ne ba lekola dikole tse dipotlana tsa metse eo, lefelo la boapeelo jwa borotho kwa Poloka le mangwe a matlo a badirelapuso, a ba fitlhetseng a le mo seemong se se sa itumediseng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Pulamoeng
Location : MAHALAPYE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 19 Oct 2020