Kgosi wa Bangwaketse o bolotsa letsema
18 Oct 2020
Kgosikgolo wa Bangwaketse Kgosi Malope II o boloditse letsema kgwedi eno ya Phalane e le lesome le borataro.
Fa a bolotsa letsema kwa kgotleng kgolo, Kgosikgolo Malope II o ne a kopa baruti go rapelela kgokgontsho ya bong e e tsayang phekelo e sele le bana ba a reng ba tswa mo taolong.
A re go le gantsi fa a bolotsa letsema o tswalela ditseo le ditsheko tsa tetlanyo, mme o supile fa monongwaga di tla tswalelwa kgwedi ya Morule e le malatsi a mararo di bo di bulelwa ngwaga o o tlang kgwedi ya Hirikgong e le lesome le boraro.
Kgosi o ne a bolela fa go tla a nna le phuthego ya kgotla kgwedi ya Ngwanatsele e le malatsi a le mane kwa kgotleng kgolo go buwa ka Bathoen Trust.
Fa a latlhela la gagwe, mothusa kgosikgolo Kgosi Kebapetse Telekelo are ba tsere tshwetso ya tlhama setlhopha sa kgwele ya dinao se se tla bidiwang Gangwaketse United, a supa fa setlhopha se, se setse se kwadisitswe ka fa molaong.
Are se setla morago ga gore ba nne le thobaelo ya gore ke eng go sena setlhopha sa kgwele ya dinao mo Kanye ntswa e le motse o motona. O kopile batsadi go rebola bana go tsaya karolo, a kopa botlhe ba ba nang le dikitso ka tsa metshameko go itshupa go thusa go katisa setlhopha. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Ikotlhaeng Rantopele
Location : KANYE
Event : Go bolotsa letsema
Date : 18 Oct 2020