Tautona Masisi o tiisa barui moko
18 Oct 2020
Tautona Dr Mokgweetsi Masisi o tsweletse ka maiteko a gagwe a go kgothatsa Batswana bangwe ba ba setseng ba betlile tsela ya go thusa go godisa mhama wa thuo ya dihutshane ka go ba abela diphelehu le diphoko .
E rile a abela Rre Thuto Koontse phelehu kwa masimong a Makgotshane gaufi le Ngware, Tautona a tlhalosa fa maikaelelo e le go tiisa moko barui mo mhameng wa thuo ya dihutshane.
O rotloeditse barui ba kgaolo eo gore le bone ba rotloetsege go tsaya malebela mo go se Rre Koontse a se dirang le mororo dikgwetlho di le teng tse barui ba nnang ba rakana natso.
“A re nneng fatshe re itshekatsheke le go ipotsa dipotso gore batho ba tshwana Rre Koontse ba kgona jang ditoro tsa bone le mororo ba rakana le dikgwetlho tse bontsi jwa barui bo rakanang natso,” Tautona Masisi a gakolola.
Tautona o ne a supa fa a kgothala go tiisa moko barui ba tshwana le Rre Koontse, ka go lemosega fa a na le lorato mo go se a se dirang e bile se na le maduo.
Tona wa Temo-Thuo le Tlhabololo Dijo, Rre Karabo Gare, o ne rotloetsa Batswana go thusa go ntsha dijo tse di lekaneng go ka tokafatsa seemo sa itsholelo e a tlhalosang e wetse tlase ka selekanyo sa masome a mabedi le bone mo lekgolong.
Fa a ntsha la gagwe, Rre Koontse on ne a re ntswa maiteko a gagwe a kgorelediwa ke bothata jwa tlhaelo ya metsi, toro ya gagwe ke gore e re mo lobakeng lo lo sa fediseng pelo a bo a na le dihutshane di le makgolo a mabedi, selo se a kaileng se ya go dirwa bonolo ke mpho ya ga Tautona.
O lebogetse thotloetso ya batsadi ba gagwe mo go tsa thuo, a kaya fa seo mo nakong eno se mo tlotlomaditse, e bile a tlaa lemogwa e le mongwe wa banana ba ba nang le maikaelo a go godisa mhama wa thuo ya dihutshane mo Botswana.
Rre Koontse yo mo nakong eno a nang le dihutshane di ka tshwara lekgolo le masome a matlhano, go kaiwa a simolotse go rua ka 2014, a thusitswe ka mananeo LIMID le YDF. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kebaeditse Baitlotli
Location : NGWARE
Event : Kabo dimpho
Date : 18 Oct 2020