Breaking News

Bogogi bo itlama go dirisana le puso

18 Oct 2020

Bogoi jwa dipalamo tsa setshaba bo itlamile go dirisana le puso mo go lwantsheng kanamo ya bolwetse jwa COVID-19.

Mo puisanyong le BOPA bosheng, modulasetilo wa mokgatlo oo, Rre Tirafalo Mponang o tlhalositse fa ba dira gotlhe mo ba ka go kgonang go netefatsa fa bapagami le bakgweetsi ba dipalamo tsa setshaba ba sala morago melawana ya go lwantsha COVID-19.

O tlhalositse gore e re ntswa ba latlhegelwa ke dipoelo mo kgwebong ya bone, ba ntse ba tshwere ka thata go netefatsa fa Batswana ba bona ditirelo ka nako.

Rre Mponang a re mo maitekong a bone a go obamela melawana ya twantsho mogare, ba netefaditse fa sepalamo sengwe le sengwe se nna le buka e go ikwalwang maina mo go yone le go tlhoka  go letlelela ope yo o pagamang a sa ipipa molomo gareng ga tse dingwe.

A re e re ntswa ba leka ka thata go dira jalo, go na le batho bangwe ba nako dingwe ba nnang dingalo go dira jaaka ba laelwa mme a re seo ga se kake sa ba kgoba marapo.

Modulasetilo o tsweletse ka go tlhalosa fa se se kgatlhisang e le go re maloko a bone, bogolo jang bakgweetsi, ba setse ba itse e bile ba lemoga bodiphatsa jwa bolwetse jo.

Rre Mponang a re ba nna ba tshwara dipuisanyo le komiti ya puso e e itebagantseng le twantsho ya bolwetse, a tlatsa ka go re keletso ke gore e re mo tsamaong ya nako mapalamelo a dikoloi tsa setshaba a agelelwe gore ditlhatlhobo le go ikwadisa go nne motlhofo.

O tlhalositse fa maikaelelo a bone e le go re mogopolo o o aname le lefatshe ka bophara mo tsamaong ya nako ka jaana ba sa tlhole ba batla go re dipalamo tsa setshaba di ka emisiwa.

Rre Edison Tlhomelang yo ene e leng modulasetilo wa dipalamo tsa setshaba tsa Gaborone o rotloeditse bakgweetsi gore ba netefatse fa melawana ya twantsho bolwetse jwa CoOVID-19 e obamelwa ka DInako tsotlhe.

A re o lemogile fa go na le bakgweetsi ba ba boitseme mme a re o ba rotloetsa go re ba itsose ka jaana bolwetse jo bo ka kgonwa ke go tshwaraganelwa.

Bogogi joo bo ne jwa kopa puso go re ba nne ba bo rerisa go santse go na le nako, bogolo jang ka malatsi a go nang le kiletso mesepele ka yone.

Ba tlhalositse fa se se ka dira go re ba heme ditshenyegelo tse ba atleng  ba kopane le tsone fa mesepele e emisiwa, ba supa fa ba latlhegelwa thata mo dipagamong tse di tswang mo Gaborone di tsamaela kwa metseng e tshwana le bo Maun.

Rre Mponang a re ba mo dipuisanyong le ba ba maleba go re ba bone go re ba ka dira jang go thusa Batswana ka jaana malatsi a botsalo jwa Morena a setse a le gaufi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Aobakwe Molefhi

Location : GABORONE

Event : Posolotso

Date : 18 Oct 2020