Tautona Masisi o tshwaela monana
18 Oct 2020
Tautona Dr Mokgweetsi Masisi o tsweletse ka go rotloetsa barui, segolo bogolo banana ka go ba abela diphoko go tswakanya leruo la bone go le fa boleng.
Bosheng, Tautona o ne a etela monana wa moraka ya Diphale kwa Ntsweletau, Rre Nnete Mokalake kwa a neng a tlhalosa fa puso e itlamile go thusa banana gore ba bone mebereko ka go itirela.
Tautona Dr Masisi a re mhama wa temo-thuo o na le bokgoni jwa go dira ditiro tse di ka fiwang banana bangwe.
O ne a kgothatsa Rre Mokalake a re maiteko a gagwe a tsamaelana le maitlamo a tebelo pele ya setshaba ya 2036.
Tautona Dr Masisi a re podi ga e ntshe nama e e kalo, mme e na le letlalo le lentle le le ka ntshang didirisiwa di le dintsi, jaaka dibeke, diphate, mekgabisa, mabante, dibaki, ditlhako jalo jalo; mme tsotlhe tse di tlhoka go dirwa ke batho.
Ka jalo a re thuo ya dipodi fa e dirwa sentle e ka ntsha ditiro.
Tautona a re dirwe tsa podi le tsone di farologana ka tlhwatlha, ka jalo a kgothatsa a ba a tlhalosa gore go rua podi go batla gore morui a e betle ka matsetseleko go ntsha boleng jo bo busetsang e bile bo ka sekasekwa ke mafatshe a mangwe.
Fa a konetelela mafoko a ga Tautona, Tona wa Tlhabololo Temo-Thuo le Dijo, Rre Karabo Gare o ne a re lephata la gagwe le ikaelela go thusa barui ka go ba rutuntsha go tlhabolola dihutshane gore di nne tsa boleng jo bo rileng.
Tona Gare a re go botlhokwa gore barui ba ntshe dijo le nama e e nang le boleng go ka gaisana le go letlelelwa kwa marekisetsong a mafatshefatshe.
Rre Mokalake, yo o dingwaga tse di masome mararo le bone, a re o simolotse ka dipodi di le thataro pele ga a ya kwa go ba LIMID ka 2015, ba ba fetileng ba mo neela dipodi tse dingwe mme palo ya oketsega go nna masome a mararo le boferabobedi.
E rile ka 2016, Rre Mokalake a re o ne a kopa lenaneo la YDF mme ba mo fa dipodi di le masome matlhano.
Go atlega ga dipodi tsa gagwe jaanong go ne go raya gore nako ya gagwe yotlhe e lebagane le tlhokomelo ya leruo la gagwe.
Rre Mokalake a re o rekisetsa puso le batho ka bongwe ka bongwe, e bile selekanyo se puso e se batlang ka ngwaga o kgona go lepalepana le sone.
Go ya pele, Rre Mokalake a re o ikaelela go atolosa se a se dirang ka go lema gore a kgone a tswakanye temo-thuo ya gagwe.
Mo bogompienong, Rre Mokalake a re o eletsa go dira dijo tsa leruo ka jaana a na le motshine wa teng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Ketshepile More
Location : LENTSWELETAU
Event : Kabo dimpho
Date : 18 Oct 2020