Thuo ya dihutshane e ka tlhatlosa Batswana
18 Oct 2020
Tautona Dr Mokgweetsi Masisi o tsweletse ka letsholo la gagwe la go netefatsa gore mhama wa thuo ya dihutsane o tsweletse e bile o melediwa mathe ke mebaraka ya mafatshe a sele.
Bosheng jaana o ne a abela malapa oora Seboko le Abel diphelehu tse ba tlaa di dirisang go tlhabolola dihutsane tsa bone.
E rile a rolela Rre Ranthogonyane Seboko, yo eleng morui wa masimo a Diagane kwa Molepolole Borwa, Tautona a supa fa a rotloetsegile go abela morui yoo ka tshepo ya gore o na le toro ya go atisa dihutshane tsa gagwe.
Tautona o supile fa a gwetlhegile go ema nokeng boora Seboko ka go lemoga fa ba na le maikaelelo a a tsepameng a go atisa dihutshane, go oketsa dipalo tse lefatshe leno le di tlhokang go rekisetsa mmaraka o tshwana le wa Asia.
A re maiteko a ga Rre Seboko ke a a tiisang moko. Tautona o ne a supa fa mahumo a lefatshe le dithutego ka nosi di sa lekana go dira tsotlhe tse Motswana a di tlhokang. E rile a amogela mpho ya phelefu, Rre Seboko o ne a solofetsa tlhokomelo e e tseneletseng go netefatsa gore mpho ya ga Tautona e ntsha maduoFa a abela Rre Ophaketse Abel yo e leng mongwe wa barui ba dihutshane kwa masimong a Ramotlhabeng mo kgaolong ya Mmankgodi phelefu ka Labotlhano, Dr Masisi o ne a gatelela fa a eletsa go bona tlhabololo ya dihutshane mo lefatsheng leno e dirile pharologanyo mo matshelong a Batswana.
Mpho eo go ya ka Tautona e dirwa ka lorato le bokao jwa lone bo supegang mo tebelopele ya setshaba ya 2036 e maikaelelo a yone e leng go bona tshaba ya Batswana e kgona ditoro tsa yone.
E rile a ntsha la gagwe, tona wa lephata la tlhabololo temo-thuo le dijo, Rre Karabo Gare, a rotloetsa Batswana go nna moko o thata go netefatsa gore tshaba eno le dira ka thata go thusa go ntsha dijo go fokotsa go nna bakopi.
Rre Gare, yo e bileng e le mopalamente wa Moshupa, o ne a rotloetsa barui ba dihutshane go tlhagafalela go dirisa mananeo a a ka thusang go tlhabolola mhama oo wa thuo, ka go anywa dikitso tse di ka thusang go atisa dihutshane le gone go tokafatsa boleng jwa nama ya tsone.
O netefaditse fa go le gontsi mo lefatshe leno le tshwanetseng go go dira go tlhomamisa go nna teng ga dijo tse di lekaneng, go fokotsa seemo sa nako eno sa go ikaega ka mafatshe a sele. A re tsholofelo ke gore thotloetso ya ga Tautona e dire go menaganye go godisa dipalo tsa dihutshane go dira dipoelo tsa P9,8 million mo dingwageng tse tharo tse di tlang go fitlha ka ngwaga wa 2022, e le dipalo tsa koketsego ya dihutshane tse lefatshe leno le ka kgonang go di rekisa kwa ntle ga lefatshe leno.
Mo mafokong a gagwe kwa masimong a Diagane, tona kwa Ofising ya ga Tautona le Bodirela Puso, Rre Kabo Morwaeng o kgothaditse Batswana go rotloetsega ka go tsaya malebela mo maitekong a ga Tautona a go aba, mme ba eme nokeng bangwe ka bone go thusa go godisa thuo ya dihutshane mo lefatsheng leno.
E rile a bua kwa masimong a Ramotlhabeng, tona wa Lephata la Itshireletso, Molao le Thokgamo, e bile e le mopalamente wa kgaolo ya Gabane/Mmankgodi, Rre Kagiso Mmusi, o roletse hutshe maiteko a ga Tautona go bo a lerile tsholofelo e kgolo mo kgodisong ya mhama wa thuo ya dihutshane tse di ntseng di tlhaela ka bokete mo lefatsheng leno.
Rre Abel yo o simolotseng thuo ya dihutshane ka lenaneo la LIMID go tswa ka 2012, a ne a mo felela a le tlhaeng, a farafarwa ke dikeledi tsa boitumelo e le bokao jwa go lebogela mpho e a neng a e amogela go tswa mo go Tautona.
Mo loetong lwa gagwe kwa Ramotlhabeng, Tautona o ne a engwe nokeng ke baemedi ba mafatshe a sele e leng, Rre Graig Cloud wa Amerika, moeteledipele wa lekoko la Europa mo Botswana, Rre John Sadek le motshwarelela moemedi wa lefatshe la Algeria, Rre Hamid Benabed. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kebaeditse Baitlotli
Location : MOLEPOLOLE
Event : Kabo dimpho
Date : 18 Oct 2020