Breaking News

Orange e abetse kokelo didirisiwa tsa itshireletso

14 Oct 2020

Khamphane ya ditlhaelatsano ya Orange Botswana e abetse badiri ba kokelo ya Tsabong didirisiwa tsa itshireletso kgatlhanong le segajaja sa COVID-19. 

Fa a aba dimpho tseo ka Labobedi, mogolwane go tswa Orange Botswana, Rre Maano Masisi, o boletse gore ba gwetlhilwe ke gore Kgalagadi ke nngwe ya dikgaolo tse di kgakala le ditlamelo.

Rre Masisi a re Botswana, jaaka leloko la lekgotla la ditshaba la United Nations, le dumalane go bereka le mafatshe ka bophara go baa kwa pele maitlamo a lone a tebelepepele gore ka ngwaga wa 2030, tsa botsogo le boitekanelo jwa setshaba e bo e le tsa maemo a ntlha.

A re maitlamo ao a ba gwetlhile go abela kokelo didirisiwa di akaretsa dibipa molomo le dinko di le dikete tse pedi, diaparo tsa itshireletso di le makgolo a mane, ditsaa mogote di le tlhano, emere ya 25 litres ya molora oo tlhapang diatla le dikupu tse pedi tsa metsi.

Rre Masisi a re ka kgwedi ya Lwetse, selekanyo sa lesome le bone mo lekgolong e ne e le dikgang tsa badiri ba botsogo ba ba tsenweng ke COVID-19 lefatshe ka bophara.

A re mo nakong ya gompieno Orange Botswana e na le maikalelo a go busetsa dingwe tsa dipoelo mo setshabeng se e direlang mo go sone. 

Mme go fitlha mo nakong ya gompieno ba setse ba abetse dikokelo kwa Kasane, Ghanzi le Mahalapye didirisiwa di akaretsa  dibipa dinko le melomo tse 17 000, diatlana tsa botsogo di le 15 000, diaparo tsa itshireletso di le 2 800, ditshitswana (sim card) tse 1 000 le P5 million go thusa mo letloleng la COVID-19. 

Moeteledipele wa kokelo, Mme Gaboelwe Rammekwa, o lebogetse dimpho tseo a bo a supa fa ditsile ka nako ee tshwanetseng ka ba tlhaelelwa ke didirisiwa. 

A re badiri ba botsogo ba tshwanetse go babalesega ka dinako tsotlhe gore ba kgone go thusa setshaba ba phuthologile. 

Fa a ntsha la gagwe, Kgosi David Toto ll ene o ne a phophotha legetla Orange ka tiro e ntle e e dirileng a re baeteledipele ba motse ba ne ba tlhobaediwa ke letlhoko la tsa itshireletso mo badiring ba botsogo kwa kgaolong eo.

Kgosi Toto ll o ne a ikuela mo go ba Orange Botswana gore mo nakong e e tlang ba gopole ba makgotla a Setswana  go thusiwa ka tsa itshireletso ka le bone ba na  le dikgwetlho ka jaana setshaba ka bontsi se phuthegela kwa dikgotleng go kopa thuso letsatsi le letsatsi.  Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : Tsabong

Event : Kabo dimpho

Date : 14 Oct 2020