Breaking News

Letsholathebe o emetse go lema

14 Oct 2020

Balemi ba Letsholathebe kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba ba eme sentle gore ba tsene mo temong ya monongwaga.

Mo potsolotsong ka Labobedi, Kgosi Gillard Letsholathebe o tlhalositse fa e rile ka letsatsi la Boipuso ba bolotsa letsema.

O supile fa e rile morago ga pula ya maloba, balemi bangwe ba ya masimong go tlhola seemo.

 Kgosi Letsholathebe a re o dumela gore fa pula e ka na gape mo bogaufing ba ka simolola go baa tema, a tlhalosa fa balemi ba setse ba remile masimo, mme ba emetse dipeo go tswa kwa balemising.

O tlhalosiste gore e rile a bolotsa letsema, a kopa morafe go tlhokomela leruo la bone jaaka paka ya temo e simolola go itsa dikgotlhang.

Kgosi Letsholathebe a re ba dikile ba sa lema ka ntlha ya pula e e boutsana, mme a re o itumedisiwa ke gore seo ga se a nyemisa moko banni ba Letsholathebe.

O tlhalositse fa balemi ba kgothatsegile go lema ka baitseanape ba tsa tepo loapi ba supile fa pula ya monongwaga e tla nna e e nametsang.

A re beng ba diterekere ba eme sentle go lemela batho. Kgosi Letsholathebe a re o ngomolwa pelo ke ba masimo a a kwa boseja ga noka ya Tati e e senang borogo, ka gore fa noka e tletse, ga ba kgone go tlolela kwa masimong. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Portia Ikgopoleng

Location : Letsholathebe

Event : Potsolotso

Date : 14 Oct 2020