Dikale ga di amoganwe
14 Oct 2020
Kgosi Gillard Letsholathebe wa Letsholathebe kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba a re o tshwenngwa ke banwi ba bojalwa jwa Setswana ba ba sa saleng morago melawana ya botsogo.
O boletse mo potsolotsong fa bangwe ba ikgatholosa kgakololo ya gore ba nwele kwa malwapeng.
A re go lebega batho ba santse ba dumela thata mo go kgobokaneng kwa marekisetsong a bojalwa le ntswa seemo se fetotswe ke go tlhagoga ga segajaja sa COVID-19.
Kgosi Letsholathebe a re o tshwenngwa ke gore le fa go le borai go amogana sekale, bangwe banwi ba bojalwa jwa Setswana ba tsweletse ka ‘nkhupisa foo’.
O gateletse borai jwa go amogana sekale a re go ka anamisa mogare wa corona motlhofo.
“Fa mongwe wa banwi ba ba amoganang sekale a na le mogare wa corona, go borai mo matshelong a ba bangwe ka gore botlhe ba ka felela ba amilwe ke segajaja sa COVID-19,” ga tlhalosa Kgosi Letsholathebe.
A re go na le bangwe ba ba sa ntseng ba sa tsee tsia dikgakololo tsa ba botsogo ka ba na le dikakanyo tsa gore bolwetse bo santse bo le kgakala le bone.
“Latlhang mekgwa ya bogologolo ya go dumela mo go amoganeng sekale. Re tshelela mo nakong e sele, e thata e gwetlhang batho go iphemela ka dinako tsotlhe,” Kgosi Letsholathebe a tlhalosa.
O kopile banwi ba bojalwa jwa Setswana gore mmongwe le mongwe a nne le se a nwelang mo go sone.
A re go botlhokwa go nwela mo lwapeng go itsa go raelesega go amogana sekale le ba bangwe.
Kgosi Letsholathebe a re go botlhokwa gore batho ba ipabalele mo malwetseng a ka bakiwang ke go amogana dijana.
A re tlwaelo kana tumelo ya gore sekale sa bojalwa jwa Setswana se a amoganwa e tshwanetse ya nna mokgwa wa maloba.
Le fa go ntse jalo, Kgosi Letsholathebe a re bogodi ga bo na go ipona tsapa, mme ba tlaa tswelela ka go gasa molaetsa wa go ipabalela.
A re maikaelelo ke gore batho ba lemoge borai jwa go kgobokana mo ditirong tse di farologanyeng le mo marekisetsong a nnotagi.
Kgosi Letsholathebe a re marekisetso a mangwe a nnotagi jaaka dibara a obamela melawana e beilweng ya thekiso ya nnotagi.
A re ga ba ise ba lemoge makgwere ape kwa marekisotsong ao ka go bulwa le go rekisa ka dinako tse di beilweng.
Kgosi Letsholathebe o tlhalositse gore ope yo o tlaa tshwarwang a roba molao o tlaa otlhaiwa.
O kopile botlhe ba ba filweng tetla ya go rekisa bojalwa jwa Setswana go sala melawana morago. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Portia Ikgopoleng
Location : Letsholathebe
Event : Potsolotso
Date : 14 Oct 2020