Kgokgontsho e ka koba babeeletsi
14 Oct 2020
Mopalamente wa Serowe Borwa, Rre Leepetswe Lesedi, a re ga a bee sebete kgokgontsho ya bong.
O buile jalo fa a kopane le dikomiti tsa ditlhabololo le tsa balemi barui kwa kgaolong ya gagwe bosheng.
Rre Lesedi o boletse fa kgokgontsho ya bong e sa jese puso le morafe di welang ka gore gangwe le gape go begwa kgokgontsho ee kgonang go fela ka go tlhokafala ga batho.
A re seemo seo se na le bokgoni jwa go koba babeeletsi.
Rre Lesedi a re dipalo di supa fa borre ba kgokgontsha thata go na le bomme.
O boletse fa borre ba bolaya bakapelo ba bone, ba thubetse babo ba ithwadisa basetsanyana ba dingwaga tse di kwa tlase.
A re seemo seo se baya lefatshe leno mo kgatelelong ya gore babeeletsi ba tshabe go nna mo lefatsheng.
O boletse fa palamente e fetisitse molao kakanyetso wa kgokgontsho ya bong ebile go bopiwa komiti ee tlaa tlhotlhomisang gore dikgokgontsho di tsalwa ke eng le gore go ka sireletswa ba ba amegang jang.
Mopalamente o kopile dikomiti tseo go thusa puso le ba melao go laola seemo se se golelang pele.
O kopile borre go fetola maikutlo le mokgwa wa go kgokgontsha ba malwapa a bone.
O boletse fa bomme ba tshelela mo letshogong
Rre Lesedi o ne gape a gakolola bomme go emisa go nna le bakapelo ba isi ba ba nyale.
O kgadile batsadi bangwe ba ba dirisang bana go lopela dijo le madi.
A re ke sengwe sa tse di dirang gore borre ba nne bogale.
O boleletse dikomiti tsa kgaolo ka melao kakanyetso ee fetisitsweng kwa palamenteng ya mariga a balelela le wa makgetho.
Mo go tse dingwe, Mopalamente Lesedi, o rotloeditse banni go obamela melawana ya go kganela kanamo ya segajaja sa COVID-19.
O boletse fa go santse go na le batho bangwe baba tlalang kwa dintshong e bile ba fetile palo ee beilweng.
O boletse fa go na le ba bangwe ba ba kgobokannang go nwa bojalwa.
Kgosi wa kgotlana ya Sesomakwa Serowe, Kgosi Lerato Keipiditse, o kopile puso go gagamaletsa batho ba ba kgokgontshang ba bangwe dikatlholo thata.
O boletse fa go nowa ga bojalwa le gone go ile magoletsa mme melato mengwe ya kgokgontsho e diragala morago ga bojalwa.
Maloko a dikomiti ka go farologana one a ne a supa fa a le sebete se molangwana ka phiro ya Ipelegeng ba bolela fa e tlhakatlhakane ka gore go fetolwa melawana gantsi.
Ba boletse fa Ipelegeng e baya maloko a dikomiti tsa ditlhabololo ka fa mosing ka gore morafe o ba leba ka leitlho la kilo ba kaya fa e le bone ba e tsamaisang.
Ba kopile gore kgotlakgolo ya Gammangwato e ntsenngwe dipone ka gore bosigo gonna lefifi mme seo se ka dira gore dipampiri tsa ditsheko di utsuwe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : Serowe
Event : Bokopano
Date : 14 Oct 2020