Breaking News

Tlhatlhobo ya COVID-19 e tsweletse kwa Kanye

13 Oct 2020

Modulasetilo wa kokelo ya Sabata kwa Kanye, Mme Gotlhe Ponoesele, a re tlhatlhobo ya mogare wa corona ee simologileng ka Mosupologo e tlaa wela ka kgwedi ya Morule.

Mme Ponoesele a re tlhatlhobo e e tlaa dirwa kwa kokelong, kokelwana ya Mafhikana, Mongala mall, maemelo a di bese kwa Kanye le kwa setsidifatsing sa Lyns. 

O tsweletse  ka go re tlhatlhobo e e tlaabo e dirwa mo go ba ba di gogang kwa pele jaaka baduedisi ba marekisetso, bakgweetsi ba dipalamo tsa setshaba le badiri ba dikokelo le dikokelwana.

Mme Ponoesele o kopile setshaba go tswelela ka go ipabalela a re ba tlhape diatla kgapetsa kgapetsa le go go rwala dibipa nko le molomo.

Fa a buisa badiri ba kokelo ya Sabata, mogolwane wa baoki, Mme Keabitsa Ramantele o ne a re le mororo go tlaa bo go dirwa tlhatlhobo e, bone ba tlaabo ba tsweletse ka tiro ya bone ya letsatsi le letsatsi.

Mme Ramantele a re badiri ba kokelo le bone ba tlaa amiwa ke tlhatlhobo e, a tlatsa ka go re go ka nna ga diragala gore le fa motho a kile a tlhatlhobiwa a tlhatlhobiwe gape. 

O ne a bolela fa tlhatlhobo e dirwa kwa kokelwaneng ya Ebrahim le Mariam Dada gone kwa Kanye.

Le fa gontse jalo, Mme Ponoesele a re puso e ntshitse mokwalo o o reng batho bangwe ba ka bereka ba le kwa malwapeng kgotsa ba theogela ka go fapaana le fa mo maphateng a mangwe go sa kgonege ka ntlha ya go tlhaela ga bodiredi. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Ikotlhaeng Rantopele

Location : Kanye

Event : Bokopano

Date : 13 Oct 2020