Breaking News

Maloko a lekgotla a re bokopano bo tlosolosiwe

13 Oct 2020

Maloko a lekgotla la babereki la National Amalgamated Local and Central Government and Parastals Manual Workers Union kwa Tsabong a dumalane gore bokopano jo bo neng bo tshwanetse go tshwarwa ngwaga ono bo tlosolosiwe.

Fa a buisa babereki bosheng, moeteledipele wa lekgotla, Rre Johnson Motshwarakgole, o ne a supa fa ba tsaya megopolo mo malokong mo dikgaolong gore go ka dirwa jang ka go ne go tshwanetse go tlhophiwa komiti ya khuduthamaga e ka molao motheo e tshwanetseng go tlhophiwa morago ga dingwaga tse tharo.

O boletse fa bokopano joo bo tlhoka palo e ntsi ya maloko,  selo se kgorelediwang ke melawana ya COVID-19.

A re makgotla a babereki a tshwanetse go tshwaragana le puso go thibela go anama ga mogare.

O ne a tlhalosa gape gore go akanngwa gore go fetolwe le dituelo tsa babereki gore ba duelwe morago ga beke tse pedi dingwe le dingwe. 

A re seo se tlaabo se direlwa go tsosolosa itsholelo mme gape bagwebi ba tlaa akola ka theko e tlaa nna e tsweletse.

Rre Motshwarakgole o kopile babereki go tsaya molaetsa wa segajaja sa COVID-19 ka tlhwaafalo, mme ba sale morago ditaelo tsa ba botsogo jaaka go rwala dibipa molomo le dinko, go tlhapa diatla kgapetsakgapetsa ka metsi le molora le  go katologana ka nako tsotlhe g.

O ne a kgothatsa maloko a lekgotla leo go dira ka natla mo ditirong tsa bone le gone go nna le boitshwaro le botho jo bo eletsang, go tlotlana ga mmogo le go rerisanya le boeteledipele jwa bone mo ditirong.

Babereki ba ne ba atla megopolo e mebedi eo. 

Ba supile fa go amogela morago ga beke tse pedi go ka nna botoka. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : Tsabong

Event : Bokopano

Date : 13 Oct 2020