Kgaolo ya Legare e kwadisa balwetse ba COVID-19 ba le 451
13 Oct 2020
Molaodi wa kgaolo ya Legare, Rre Rapetse Mathumo, a re go mo maruding a setshaba go sala ditaelo morago go iphemela mo segajajeng sa COVID-19.
Rre Mathumo o ne a bua bosheng fa a lekodisa makhanselara a kgaolo ya legare ka seemo sa COVID-19 kwa kgaolong ya bone.
A re mo kgaolong ya Legare, go na le batho ba le 451 ba ba tshwarweng ka mogare wa COVID-19 mme ba ba mo dikokelong ba 57 fa ba le 113 ba golotswe ka ba fodile.
Rre Mathumo a re batho ba le 281 ba ne ba tshwarwa ka bolwetse jo kwa melelwaneng, mme ba ne ba busediwa kwa mafatsheng a bone.
O ne a supa fa mo nakong eno go sena yo o tlhokafetseng ntateng ya bolwetse jo kwa kgaolong ya Legare.
Rre Mathumo o ne a supa fa kgaolo ya Legare e na le dikgaolwana tse di itebagantseng le tsa botsogo di le mmalwa mme di akaretsa ya Tonota, Boteti, Tutume, Bobirwa, Mahalapye, le ya Serowe/Palapye mme bontsi jwa dikgaolo tse di amilwe ke COVID-19.
A re mo nakong eno kokelo ya Old Sekgoma kwa Serowe e na le batho ba le masome a mabedi le boferabongw ba ba nang le COVID-19 mme ba le barataro ba kwa Mahalapye.
A re kwa Bobirwa go na le balwetse ba le bane fa kwa Boteti ba le lesome le boraro.
Rre Mathumo o ne a itsise makhanselara fa puso e tsere tshwetso ya gore go dirwe ditshekatsheko tsa gore COVID-19 e amile setshaba jang mme go tla dirwa jalo ka go tlhoma mafelo a go tlhatlhobelwang batho mo go one jaaka kwa mapalamelong a dipalamo tsa setshaba, mafelo a marekisetso le kwa ditsidifatsing tsa batho ba ba tlhokafetseng .
Rre Mathumo a re ditshekatsheko tse di tla a supa gore COVID-19 e amile setshaba jang e bile setshaba se tlhoka thuso e e ntseng jang. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : Serowe
Event : Phuthego ya khansele
Date : 13 Oct 2020