Breaking News

Mokgatlho o rotloediwa go somarela koloi

13 Oct 2020

Moeteledipele wa mokgatlho wa Shegotja Molelo kwa Kgalagadi borwa, Mme Lillian Ntau, a re go botlhokwa go somarela koloi e kgaolo eo e e abetsweng gore ba kgone go thusa maloko sentle.

Fa a rola koloi eo kwa kgotleng ya Tsabong ka Mosupologo, Mme Ntau a re moeteledipele wa mokgatlho o bone go tshwanela go reka dikoloi di le lesome go tokafatsa ditirelo tsa bone. 

O ne a tlhalosa gore mokgatlho o thusa mo dintshong ka go reka dijo, kesi, madi le tse dingwe go tshedisa malwapa a maloko. 

Le fa gontse jalo a re mokgatlho o ntse o na le kgwetlho e tona ya dipalamo go isa dithoto tseo.

A re go lepalepana le seemo se, mokgatlho o rekile dikoloi di le lesome tsa modiro wa Toyota, Ipsum di le thataro, dikhombi tse pedi, koloi ya modiro wa Toyota Surf le ya BMW X3 e le nngwe. 

Dikoloi tseo di tlaa phatlaladiwa le mafelo a mangwe.

Mme kgaolo ya Kgalagadi Borwa yone e abetswe Toyota Surf go lebilwe seemo sa ditsela. 

Mme Ntau o tlhalositse fa kgwetlho e tona e ntse e le dikoloi, mme  seemo se tlaa tokafala ka ba tlaa kgona go goroga kwa mafelong a a kgakala.

O tlhalositse fa koloi e tlaa ba thusa fela thata ka ba ntse ba dirisa madi a mantsi go hira dikoloi go isa dijo kwa dintshong le go tshedisa malwapa. 

O gakolotse maloko a Shegotja Molelo go tsenya letsogo go bona gore koloi eo e a tlhokomelwa gore mokgatlho o tswelele sentle. 

A re go botlhokwa gore batho ba ikwadise ka gore mokgatlho oo o tlhametswe gore go thusanngwe mo dithulaganyong tsa diphitlho.

Kgosi wa Tsabong, Rre David Toto II o ne a lebogela mokgatlho oo go diragatsa ditsholofetso tsa one ka go tswelela o thusa banni. 

A re go rolwa ga koloi go supa tswelelo pele ya mokgatlho.

A re thulaganyo ya phitlho e tlhoka madi a mantsi mo go ba lelwapa mme fa batho ba inaakantse le mokgatlho  ba ka thusega. 

Kgosi Toto II o ne a rotloetsa mokgatlho go tswelela ka go diragatsa ditsholofetso tsa one gore o namole maloko mo diemong tse di thata.

Mokhanselara wa Tsabong North, Rre Edward Coetzee, ene o kopile gore koloi e tlhokomelwe sentle mme e dirisiwe fela mo ditirong tsa mokgatlho go tlhofofatsa go isa ditirelo mo kgaolong eo. 

A re ga go a tshwanela gore e re koloi ya mokgatlho e le foo maloko mangwe a bo a itirisetsa mme ba ele tlhoko gore e dira tiro ya mokgatlho fela.

Rre Coetzee o ne a lebogela gore go nnile le kelelelo ya ditsela fa go rekelwa kgaolo ya Kgalagadi Borwa koloi.

Mokgatlho oo o tlhamilwe ke Mme Goleba Mokwena kwa Letlhakeng ka ngwaga wa 2007. 

Mokgatlho o setse o godile fela thata ka o setse o aname, mme o na le makalana a le masome a mabedi le bosupa go ralala lefatshe leno. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Calviniah Kgautlhe

Location : Tsabong

Event : Tholo ya koloi

Date : 13 Oct 2020