Gare o rotloetsa botlhe go nna le seabe
12 Oct 2020
Mopalamente wa Moshupa, Rre Karabo Gare, a re go botlhokwa gore Batswana ba fiwe sebaka sa go tsenya letsogo mo go tokafatseng itsholelo ya bone.
O buile se fa a buisa phuthego kwa Goo-Kodisa bosheng.
O ne a rotloetsa badirela puso go netefatsa gore ba neela dikhamphane tsa Batswana ditiro e le ntlha nngwe ya go nonotsha itsholelo.
A re Batswana ba ka dira ka ba na le bokgoni, a re ke fela gore gona le bangwe mo pusong ba ba ganang go ba sebaka.
Rre Gare, yo gape e leng Tona wa Lephata la Temo thuo le Tlhomamiso Dijo, a re maikaelelo ke gore go nne le molao o o tlaa pateletsang gore Batswana ba fiwe sebaka sa go tsenya letsogo mo itsholelong ya bone.
A re e setse e le tlwaelo gore Batswana ga ba hume, a re se se tshwanetse gore se fele.
Rre Gare o supile fa go se molato go neela batswakwa tiro, a re seo ga se reye gore nako le nako Batswana ba bewe ka fa mosing fa go tla mo go tsa kgwebo.
Fa a bua ka tsa temo, Tona Gare o rotloeditse banni ba motse oo go lema ka maikaelelelo a go dira dipoelo.
O ba gakolotse go tlhokomela dijwalo gore temo e ba busetse maduo a a botoka.
Rre Gare o ne a tlhalosa fa banni ba tshwanetse go ikemela ka dinao ka go ikopela madi a mananeo a a leng teng a puso, a supa fa jaanong CEDA e tlhofofaditse melawana ya bone go dira gore Batswana ka bontsi ba kgone go thusiwa ka madi.
A re jaanong ba ka dirisa dithuso tsa go nna jalo go tlhama dikgwebo tsa bone tsa temo le tse dingwe, go tsweledisa matshelo a bone, ba sa lebe fela mo pusong.
Tona a re CEDA jaanong e ka kgona go thusa bagwebi ka P250 000 go ipaakanyetsa go simolola kgwebo, a gakolola fa se se le motlhofo fa ebile moikopedi a dirisanya le LEA.
O supile fa a tlhaloganya gore matlhabelo a BMC e tswa kgakala e sa dire sentle, mme e bile a tsaa lebaka go duela ebile ga e reke ka ditlwatlwa tse di nametsang.
A re BMC e ntse ele yone fela e letlelelwang go rekisa kwantle ga lefatshe, jaanong go tlhofofaditswe gore barui jaanong ba ka kgona go rekisa kwa ntle ga Botswana, ele go leka go dira gore mohama wa thuo wa kgomo o kgone go dira sentle.
Rre Gare a re re dikgomo di setse di fokotsega mo Botswana ka thuo ya kgomo e sa tlhole e berekela barui, jalo go tlhokafala gore go lebelelwe tsotle tse di kgobang barui marapo, e le go ba rotloetsa go busetsa serodumo sa palo ya dikgomo mo lefatsheng.
Mo godimo ga moo, mopalamente o supile fa ba tsere kgato ya go fokotsa ditlhwatlha mo dijong le melemo ya leruo, a gakolola gore ba ka dirisa ditlankana tsa bone tsa leruo, kana Omang go akola lenaneo leo.
Rre Gare o supile fa Palamente e fetisitse molao o o amang badiragatsi, a supa gore jaanong ba letleletswe go dira khansele ya bodiragatsi, ele kgatelo pele ya puso go netefatsa gore ba kgone go itshetsa ka bodiragatsi.
O tsweletse ka go supa fa puso e tshwentswe ke kgokgontsho ya bong, a supa fa seemo se se tshwanetse go tlhakanelwa ke bogosi, makgotla a balemi, le komiti ya ditlhabololo tsa magae, go netefatsa gore e a fela.
A re seemo se se a tlhobaetsa, e bile se tshwanetse go elwa tlhoko, a supa sekai ka tiragalo ya bosheng ya bana bangwe ba go bolelwang ba lwantsha barutabana kwa sekoleng se segolwane sa Moshupa.
Rre Gare o ne a kgothatsa batsadi go simolola go tsaya boikarabelo le go tsenya letsogo mo thutong ya bana ba bone.
O supile fa palamente e le mo maikaelelong a go sekaseka molaomotheo, a supa fa ba dumela gore o setse ole mo seemong sa gore ba o tsise mo seemong sa gompieno.
A re go tlaa nna le thulaganyo ya gore batho ba tle mo dikgotleng go dira patlo maikutlo ka ele kgang e e amang batho ba le bantsi.
Kgosi Edward Keloneilwe o lebogetse mafoko a ga Rre Gare, a supa fa a le mantle ebile e le kgatelopele go ka isa lefatshe kgakala. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Thuso Kgakatsi
Location : Kanye
Event : Phuthego
Date : 12 Oct 2020