Breaking News

Kgosi o kopa dikereke go tswelela ka merapelo

12 Oct 2020

Dikereke kwa Ghanzi di kopilwe go tswelela ka go rapelela segajaja sa COVID-19, HIV/AIDS le kgokgontsho ya bong. 

Mafoko aa  builwe ke Kgosi Botshelo Lekgothu wa Ghanzi fa amogela baeng ka mafelo a beke kwa tirong ya  go tswalela kgwedi ya merapelo.

Kgosi Lekgothu a re go botlhokwa gore  dikereke di tswelele ka go rapela go  fedisa COVID-19. 

O tsweletse ka rotloetsa dikereke go sala morago melawana ya ba botsogo ka dinako tsotlhe go tila go tsenwa ke COVID-19. 

Kgosi Lekgothu o ne a kopa maitshwerelo mo dikerekeng dingwe tse di neng di sa kgona go tsena mo kgotleng ntateng ya gore dipalo tse di beilweng ke ba botsogo di ne di setse di lekane. 

Kgosi Lekgothu a re Batswana ba tshwanetse go tlhaloganya gore dilo ka bonsti di fetogile ntateng ya COVID-19, ka jalo batho ga ba a tshwanela go nna ba le bantsi mo lefelong le le lengwe.

E rile mogokaganyi wa tsa bolwetse jwa AIDS kwa Ghanzi Mme Dorcas Matsetse, a ntsha la gagwe a kopa maloko a dikereke go tswelela ka go itshwara sentle jaaka go rwala dibipa melomo le dinko sentle le go tlhapa diatla kgapetsa kgapetsa gore ba seka ba tsenwa ke mogare wa corona.

Mme Matsetse a kopile gape dikereke go rapela kgatlhanong le dipolaano, a tlhalosa gore   bana ba setse ba le masiela ntateng ya dipolaano.

O kopile borre gore fa ba na le mathata ba kope thuso gona le go bolaya bomme. 

Mme Matsetse a re go na le bodiredi jo bo itseng go sedila  maikutlo ka jalo fa ba na le mathata ba tshwanetse go bona bodiredi joo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Fredricah Nguahoka

Location : Ghanzi

Event : Tswalelo ya merapelo

Date : 12 Oct 2020