Breaking News

Komiti e batla go tlhabolola Camel Park

12 Oct 2020

Modulasetilo wa TSAMAMA Trust kwa Tsabong, Rre Charles Proctor, a re ba ikaelela go tlhabolola lefelo la dikammela la Camel Park gore le kgone go oka bajanala ba le bantsi. 

Rre Proctor o buile jalo bosheng morago ga go tlhophiwa ga komiti e ntsha ya TSAMAMA Trust.

Maloko a tswa  kwa metseng e meraro ya Tsabong, Maleshe le Maubelo ba tshwaragane le lekgotla la Botswana Tourism Organisation (BTO). 

Lefelo le le tlhokometswe ke TSAMAMA Tours go dira ditiro tsa letsatsi le letsatsi. 

E ne ya re bosheng, TSAMAMA Tours ya dira maiteko ebile e le la ntlha mo ditsong fa e sale polasi eo e simololwa ya go supegetsa maloko a TSAMAMA Trust polasi eo le dithoto tse di mo go yone. 

Komiti eo e supile gore maikaelelo a yone ke go dira mmogo e le seopo sengwe. 

Rre Proctor a re lefelo leo la bojanala le simolotse go dirisiwa e le kgwebo ka ngwaga wa 2014 mme mo nakong ya gompieno go lebega go sena maduo a a itumedisang ka go ne go sena tomagano le neelano gareng ga ba-na-le seabe. 

O ne bolela fa e tlaa re mo bogaufing ba tshware dipuisano le ba-na-le seabe botlhe go betla tsela e ba tlaa tsamaisang Camel Park ka teng. 

Moeteledipele wa Camel Park, Rre David Phamolano, o ne a tlhalosa fa BTO e le yone e okametseng lefelo leo ka go thapa le go duela babereki ba ba masome a mabedi le boferabongwe. 

Rre Phamolano o ne a supa fa dipoelo mo nakong ya gompieno di wetse tlase thata ka lebaka la segajaja sa COVID-19. 

O boletse fa gantsi barotloetsi le baeti ba ba etelang Camel Park e le beng gae ba gantsi ba etang ka nako tsa malatsi a boitapoloso mme seo se ba thuse go dira madi aa  botokanyana, fa bajanala go tswa kwa ntle ba tla ka dipalo tse di kwa tlase a. 

Rre Phamolano o tlhalositse fa polasi eo e na le dikammela di le 478 le dipitse tsa naga di le masome a matlhano le bone palo e a supileng fa e dirilwe mono ngwaga ka kgwedi ya Moranang. 

A re matlo a boroko a kwa go iphokisiwang phefo teng one a marataro. 

Rre Phamolano o supile fa dikammela tse di mo kampeng eo dingwe tsa tsone e ne e le dimpho go tswa mo go tautona wa pele Dr Festus Mogae tse a neng a di abetswe go tswa kwa lefatsheng la Libya fa tse dingwe e le tse di neng di dirisiwa ke sepodisi e le sepalamo mo nakong tsa maloba. 

O ne a supa fa ba tsenya madi ka go duedisa boroko ka ditlhwatlhwa tse di farologanang ka gore mo bekeng di fa godimonyana fa ka mafelo a beke di le kwa tlase. 

Mo lefelong leo go palangwa dikuta, dikammela, go tshwarwa bokopano, go kampiwa ka ditante koo kana motho a ka itlela tsa gagwe mme go farologana ka dituelo. 

Rre Phamolano o ne a gwetlha Batswana le banni ba kgaolo ya Kgalagadi go dirisa lefelo le, ka e le tsela nngwe ya go ba tlotlomatsa ka ebile e na e ka nna le seabe se sentsi mo kgodisong ya itsholelo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : Tsabong

Event : Ditlhopo tsa komiti

Date : 12 Oct 2020