Breaking News

Sekole se rotloetsa thapelo le tumelo mo Modimong

12 Oct 2020

Morutuntshi wa sekole sa baoki sa Sabata kwa Kanye, Mme Seselotswang Nkape, a re dikgwetlho tsa monongwaga di pateletsa batho go rapela thata le go ikanya Modimo. 

O buile se bosheng fa ba ne ba tshwere bokopano go kgothatsha batho ba ba farologanyeng. 

Ngwaga le ngwaga sekole se se nna le beke ya thapelo, mme setlhogo sa ngwaga o e ne e le go leba kwa Modimong mo nakong ya segajaja sa COVID-19.

Mme Nkape a re mo bekeng eo ba a bo ba ipaya fa pele ga Modimo.

A re mo ngwageng ono ba nnile le dikgwetlho tse dintsi ka ntata ya COVID-19.

A re dilo tse di kgaopeditse dithuto go tswelela sentle, a tlatsa ka gore maikaelelo a beke e ke go tsisa tsholofelo le go batla sefatlhego sa Modimo.

Mme Nkape a re maikaelelo a bone ke go shafatsa tumelo ya bone mo Modimong le go rapelela phodiso ka jaana ba itse fa Modimo e le ene  ngaka e kgolo.

A re ba dumela fa COVID 19 e tlaa folela ruri.

Thapelo ya ngwaga o e simolotse ka Phalane a le malatsi matlhano, mme e wetse kgwedi eno e le lesome. 

Fa a tswa la gagwe, mogakolodi wa tsa madi ebile e le morotloetsi wa banana, Rre Thato Kesupile-Reed, o ne a kgothatsa baithuti ba sekolo seo le badiri ba sone gore ba seka ba tlala poifo, mme ba tshephe Modimo.

Rre Kesupile-Reed o ba kopile go nne le tumelo ya gore COVID-19 e tlaa fenngwa, a nopola mafoko mo Baebeleng e e boitshepo a a tswang mo go Pesalema 23 a a reng ‘Jehofa ke Modisa wame ga nkitla ke boifa bosula bope’, a bo a ba rotloetsa go itshwara sentle mo nakong e ya segajaja.

A re ba obamele melao ya Modimo ga mmogo le ya ba botsogo.

Mookamedi wa khamphani ya bogakolodi ya Global Transformation And Networks, Rre Taolo Moshaga, o akgoletse sekole seo tiro e ntle e ba e dirang, a re o motlotlo go bo a nnile le seabe sa go abelana le bone megopolo.

Rre Moshaga a re megopolo e ba e abelanang ke ee agang banana le badiri ba tlhotlhwa, botswerere le manontlhotlho. 

O ne a leboga Rre Kesupile-Reed le bookamedi jwa sekole seo bogolo go tsibogela mafoko a ga Tautona Dr Mokgweetsi Masisi,. 

A re Tautona Masisi o ne a gakolola setshaba go nna  seopo sengwe gore se fenye ka thata ya Modimo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Ikotlhaeng Rantopele

Location : Kanye

Event : Bokopano

Date : 12 Oct 2020