Breaking News

Kgosi wa Tobane o tshwenngwa ke bogodu jwa leruo

11 Oct 2020

Kgosi wa Tobane a re ga ba robadiwe ke bogodu jwa leruo kwa motseng oo.

Kgosi Nametsegang Motlhasedi o buile jaana mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Mmadinare Rre Molebatsi Molebatsi kwa Tobane ka Labotlhano.

Kgosi Motlhasedi o boletse fa bogodu bo bakwa ke letlhoko le le kwa godimo la ditiro, bogolo jang mo bananeng ka e le bone ba ba inaakantseng le jone.

A re le ntswa dikgosi di leka go diragatsa molao, ga go nne le pharologanyo epe ka leruo le tsweletse ka go nyelela.

O ne a kopa mopalamente go thulanya ditlhogo le balekane ba gagwe go tswa ka maano a go tlhamela banana ditiro gore ba kgone go tswa mo ditirong tse di  ka ba senyetsang bokamoso.

Mo go tse dingwe, Kgosi  Motlhasedi o ne a supa fa ba tshwenngwa ke batho ba ba utswang motlhaba kwa nokeng ya Motloutse.

A re se se baka tshenyo mo nokeng gape se tsenya leruo mo diphatseng ka di wela mo mahuting a a tlogetsweng a sa katelwa.

Fa a  tswa la gagwe, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Oreeditse Mooketsi o ne a supa fa ba itumelela go bo lenaneo la Ipelegeng le boile ka batho ba ne ba setse ba wela mo isong.

Mme Mooketsi o ne a kopa mopalamente gore go sekasekwe gore a ga ba kake ba okelediwa dipalo tsa babereki ba Ipelegeng.

O ne a supa fa ba lebogela katoloso ya kokelo, lebone le le tona le le bonesang mo mokgwatheng, matlo a borutelo a le mararo kwa sekoleng se sebotlana sa Tobane, le matlo a boroko kwa kokelong.

Le fa go ntse jalo, o supile fa se se sa lekana ka letlhoko la boroko jwa badirelapuso le santse le le kwa godimo.

Fa a tswa la gagwe, Rre Molebatsi a re nako e gorogile ya gore mananeo mangwe a sekasekwe.

A re bolwetse jwa COVID-19 bo babaletse itsholelo ya lefatshe ka madi a sa tlhole a tsena jaaka pele.

O ne a supa fa puso e na le dikakanyo tsa  gore dilo dingwe tse Batswana ba neng ba di akola di simolole go ngotlega jaaka la go akola mananeo a mantsi ka nako e le nngwe, a supa fa itsholelo e sa tlhole e kgona. 

A re ke ka moo puso e lekang ka gotlhe gore batho ba kgone go itirela letseno go na le go ikaega ka Ipelegeng.

A re dikoporase di supile fa di le bogadi bo gaufi, ka jalo puso e na le maikaelelo a go thusa ba ba nang le kgatlhego ya go di dira. 

Rre Molebatsi o ne gape a ba kgothatsa go tswelela ba ipabaletse go hema go tsenwa ke mogare wa COVID-19. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : Tobane

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 11 Oct 2020