Breaking News

Tona Kgafela o lekola sekole sa Letlhakane

11 Oct 2020

Tona wa Dikago le Tlhabololo Matlo Rre Mmusi Kgafela a re ba tshwenngwa ke dikgang tsa beng ba dikonteraka ba ba sa direng tiro ya bone ka tlhoafalo le  go palelwa ke go fetsa tiro mo nakong e e beilweng.

Tona Kgafela o buile jalo a lekola tswelelopele ya go ntshafatsa sekole se segolwane sa Letlhakane (LSSS) ka labotlhano. 

O ne a tlhalosa gore mekwalo e supa fa rakonteraka a tlhaela kitso, ka jalo ba tla go lekola seemo.

Tona Kgafela a re lephata la gagwe le kgatlhanong le didirisiwa tse e seng tsa boleng tse di dirisiwang mo dikagong.

O ne a ba solofetsa fa ba tlaa tlhotlhomisa kgang ya ntlo ya boapelo.

Tona Kgafela o ne a rotloetsa rakonteraka go berekela mo nakong le gore fa go na le ba  a dirisanang le bone ka didirisiwa a ba sale morago gore tiro e seka ya salela kwa morago.

Fa a lekodisa Tona Kgafela, motshwarelela mogokgo wa Letlhakane SSS, Rre Pius Molapisi  o ne a re ga ba itumedisiwe ke tiro ya go ntshafatsa sekolo.

A re lenaneo le, le le simolotseng Tlhakole ngogola, le kgorelediwa ke go dirwa sekole se tsweletse.

Motshwarelela mogokgo a re ka fa tiro e dirwang ka teng ga e arabe matshwenyego a bone ka bontsi, ka dingwe di sa akarediwa mo lenaneong leo.

A re ba na le seemo kwa ntlong ya boapelo sa dipitsa tse di sa berekeng fa tse dingwe di tshela ka go baakanngwa.

A re  ba ne ba solofetse gore go tlaa  tsenngwa tse disha.

Rre Molapisi o ne gape a supa matshwenyego ka matlo a barutabana a re tiro e e dirwang mo go one ga e kgotsofatse. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : Letlhakane

Event : Tekolo

Date : 11 Oct 2020