Dikgwebo tse di potlana di mosola
11 Oct 2020
Mothusa tona wa Peeletso, Papadi le Madirelo Rre Molebatsi Molebatsi o rotloeditse basugi ba matlalo ba Tshokwe Tannery kwa Tshokwe go tsaya malebela mo dikgwebong tse di setseng di itshetletse kwa mafelong a mangwe jaaka kwa Lobatse.
O buile jaana ka Labotlhano jaaka a ne a etetse kgwebo eo, morago ga selelo sa bone mabapi le dikgwetlho tse di lebanyeng kgwebo ya bone.
Kgwebo ya Tshokwe Tannery e thusitswe ke puso ka P250 000 morago ga gore banni ba motse oo ba supe kgatlhego mo kgwebong ya go nna jalo, maikaelelo magolo e le go tlhamela banni ditiro.
Rre Molebatsi yo e bileng e le mopalamente wa Mmadinare o ne a supa fa a utlule selelo sa bone mme maikaelelo e le go bona dikgwebo tse dipotlana di thusiwa gore di kgone go itshetlela ka di le bogadi bo gaufi go ka tsosolosa itsholelo ya lefatshe leno.
Rre Molebatsi a re ke maikarabelo a lephata la gagwe go thusa bagwebi ba Batswana ba ba supang kgatlhego mo dikgwebong.
A re nako ya go bua go sa dirwe e fetile mme a tlhalosa fa a tlaa tsaya boikarabelo jwa go bona gore batho ba a thusiwa.
Rre Molebatsi o ne a patilwe ke ratoropo wa Selebi Phikwe, Rre Lucas Modimana, ba lephata la dikoporase le badirelapuso ka go farologana ba ba neng ba solofetsa fa ba tlaa thulanya ditlhogo go bona gore ba thusa jang go tsololosa Tshokwe Tannery.
Fa a lekodisa Rre Molebatsi, moeteledipele wa Tshokwe Tannery, Mme Lentetsemang Kereetse o ne a lebogela Rre Molebatsi go tsaya sebaka sa go lekola madirelo ao ga mmogo le go tsaya maikarabelo a go thusa go e tsosolosa.
A re madirelo a, a na le dingwaga di roba bongwe a sa dire sentle mme a lebogela gore puso e tlaa thusa go rarabolola dikgwetlho tse ba ntseng ba tshwaraganye le tsone.
Mme Kereetse o supile fa ba goga bokete ka ba sena didirisiwa di tshwana le motshine o o rokang, o o sugang matlalo le koloi e e ka ba tlhofofaletsang tiro.
A re ka tshwanelo ba tshwanetse go ntsha matlalo a le lekgolo le botlhano mo kgweding mme ba retelelwa ke seelo se ka ntata ya letlhoko la di dirisiwa.
O supile fa ba sa kgone se se tlhokwang ke mmaraka ka lebaka la go tlhoka didirisiwa. A re le ka fa kago eo e dirilweng ka teng go na le seabe mo go senyegeng ga matlalo ka a sa ome, bothata e le go tlhoka phefo le letsatsi.
A re nako e ba neng ba simolola kgwebo, ba ne ba le lesome le bobedi mme gompieno ba setse fela ba le bararo ka bangwe ba ne ba tlelwa ke boitlhobogo.
Mme Kereetse a re letlalo le tshwanetse go tsaya malatsi a roba bongwe go bo le fedile mme bone ba tsaya malatsi a le lesome le botlhano.
O supile fa loeto lwa ga mothusa tona lo ba tlhatswitse pelo ene le badiri ka ene ka lo ba fa tsholofelo ya gore ba tlaa bona thuso. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : Tshokwe
Event : Loeto
Date : 11 Oct 2020