Breaking News

Kgosi Tekanyo o akgola kereke le bagwebi

11 Oct 2020

Kgosi James Tekanyo o akgotse kereke ya Overflow Anointing International le marekisetso a Royal Water le Saaz go abela bana dimpho tse di tlaa thusang mo maitekong a go thibela kanamo ya mogare wa corona  mo nakong e ya segajaja. 

Kgosi Tekanyo o buile jaana bosheng kwa sekoleng se sebotlana sa Kgoro kwa bana ba neng ba abelwa dipipa molomo, melora le bolao.

 O kaile fa dimpho di tlaa thusa bana go itshireletsa, a akgolela banni ba motse go itlhokomela le go iphapha ka go ise go nne le ope yo o tsenweng ke bolwetse mo sebakeng seno. 

Kgosi o akgotse ba ba neng ba abela sekole, a tlhalosa fa tiro e ba e dirileng e le kgolo. 

A re seo se supa fa ba na le maikarabelo go lwantsha segajaja sa bolwetse jwa COVID-19. 

O galaleditse bagwebi go bo ba bone go tshwanela gore ba thuse ka go aba bolao le dikobo gore  fa bana ba sa ikutlwe sentle mo sekoleng go bo go na le fa ba ka bayang tlhogo teng.

Kgosi Tekanyo o tlhalositse fa setshaba sa Botswana se segofetse go bo go na le batho ba ba itlamileng go bona gore ba thusa dikole go gola. 

O kaile fa se se tlaa fa bana moko wa go tswelela ba ithuta sentle. 

Moruti yo e leng leloko la OAIC Moruti Israel Ntseme o kaile fa Bakeresete e le lesedi la lefatshe, ka jalo go thusa puso ke se Morena Jeso a se rutang. 

Moruti o lebogile Rre Nazir Shaikh go tswa kwa komponeng ya Royal Water go bo ba dirile tiro e ntle mme a ba tlhalosetsa fa Modimo a tlaa ba segofatsa

Mogolwane kwa lephateng la thuto go tswa kwa Good Hope Mme Beauty Modikwagae o tlhalositse fa lephata la thuto le itumetse go bona kereke le bagwebi ba Royal Water le Saaz ba dirile tiro e ntle ya go bona gore bana ba sireletsegile. 

O tlhalositse fa se se tlaa fa sekole le bana moko wa go ithuta le gone go tswelela ba itlhokometse mo bolwetseng jwa corona.  

O solofeditse gore ba tlaa tlhokomela dimpho tse. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Bakang Segokgo

Location : Kgoro

Event : Kabo dimpho

Date : 11 Oct 2020