Puso e araba selelo sa metsi kwa Makopong
11 Oct 2020
Banni ba Makopong ba ne ba amogela ba lephata la Water Utilities Corporation (WUC) ka mogolokwane jaaka ba ne ba gorosa motshine o mosha o o tlaa epelang Batswana didiba go ralala lefatshe lotlhe mme o tlaa simolola kwa Makopong le Draaihoek mo Kgalagadi Borwa.
E rile ka Labotlhano ba rola motshine o, moeteledipele wa WUC mo lekalaneng la Water Resources, Rre Teddy Ditsabatho a re kompone eo, e e filweng boikarabelo jwa go phatlalatsa metsi lefatshe lotlhe ke puso, e ntse e na le motshine o o epang didiba wa borehole drilling rig o le mongwefela mme puso e ne ya re bosheng ya reka motshine wa bobedi o o lopileng P16.4 million.
A re mo dingwageng tse di fetileng kompone eo e ntse e tlhaelelwa ke ditsompelo mme e kgonne go dirisa borehole drilling rig e nngwefela go katolola didiba tse di fetang makgolo a fera bongwe lefatshe ka bophara mme go nna le motshine wa bobedi go solofetswe go tokafatsa ditirelo tsa metsi go menagane.
O tlhalositse gore lephata leo le ntse le epolola didiba tsa bogologolo tsa dingwaga tsa bo 1969 mme mo bogompienong le epolola tsa bo 1980.
O ne a tlhalosa gore seo ke namane e tona ya tiro mme motshine wa bobedi o tlaa fefosa go epiwa le go katololwa ga didiba Botswana ka bophara.
Motshine oo o tlaa dirisiwa e le la ntlha kwa metseng ya Makopong le Draaihoek morago ga go dirwa ditshekatsheko mme ga lemogwa fa letlhoko la metsi le le lentsi thata teng.
A re motshine oo o tlaa dirisiwa ke bodiredi jwa WUC go phunya metsi a go solofelwang a tlaa elela mo dibekeng.
Rre Ditsabatho a re selelo sa metse ya Makopong le Draaihoek ga se tswe fano mme ga se a bolo go utlwala ka gore kompone eo e kile ya leka go tlhatswa didiba dingwe mo metseng eo dingwaga tse tharo tse di fetileng mme ya retelelwa.
A re didiba tseo di ne tsa fitlhelwa di katesegetse fela thata mme ga lemosega fa di ka seka tsa ntsha metsi a a lekaneng.
A re kompone ya WUC e setse e dirile ditogamaano tsa phatlalatso ya metsi mo khutlong tse nne tsa Botswana mme ba iphile seelo sa go dira jalo mo dingwageng tse di masome matlhano.
A re moalo oo wa metsi o setse o tshwantshitswe mme e bile o supa gore kgaolo ya Kgalagadi e tlaa gogelwa metsi go tswa kwa Lesotho kwa metsweding ya metsi a dithaba le kwa Namibia kwa lewatleng.
O ne a tlhalosa gore metsi a lewatle a letswai mme a tlaa ralala Ghanzi kwa a tlaa tlhatswiwang letswai teng a bo a phatlaladiwa mo dikgaolong tsa Ghanzi le Kgalagadi.
Moeteledipele wa kompone eo o tlhalositse gore metsi a didiba mo kgaolong ya Kgalagadi a tshabelelwa ke go nna letswai ntateng ya popego ya matlapa a a ka fa tlase ga lefatshe.
Ka jalo a re metsi a a tlaa bonwang kwa Makopong fa a ka tswa a le letswai go tlaa dirwa dithulaganyo tsa gore a tlhatswiwe go nna mo seemong sa go nowa.
O lebogetse banni ba metse eo go nna pelo telele go letela metsi mme a solofetsa gore go tlaa tsaya dibeke fela gore metsi a phunngwe.
Moeteledipele go tswa Water Affairs, Rre Thato Setloboko o tlhalositse gore motshine oo wa modiro wa Superock 1000 o mashetla mme e bile o bereka jaaka thakadu ka gore o kgona go epa selekanyo sa 400 metres go ya kwa tlase ga lefatshe ebong selekanyo sa go dikologa lebala la kgwele ya dinao.
O tlhalositse gore fa go epiwa sediba go lebelelwa mefuta ya mebu le letlapa mme selekanyo se kgona go farologana go tswa fela gore popego ya lefatshe e ntse jang.
A re motshine oo o ka tsaya beke go epa selekanyo sa 400 metres fa go sena dikgoreletsi dipe.
Fa a tswa la gagwe, mopalamente wa Kgalagadi Borwa, Rre Sam Books o lebogetse puso go reetsa selelo sa banni ba kgaolo eo.
O ne a tlhalosa gore mokhanselara wa Makopong/Draaihoek ebong Rre Moses Chimbombi o ne a lela sa ga Ragele bosigo le motshegare a kopela banni metsi.
Ka jalo e le mopalamente o ne a rwala ditlhako go kopa matshine oo gore o simolole ka metse eo ka letlhoko la metsi le ne le ile magoletsa.
Kgosi wa Makopong Rre Vincent Phologo o lebogetse gore metsi a tlaa goroga mo motseng mme a fedise letlhoko le le kwa godimo.
A re go goroga ga motshine oo mo Makopong ke ditso ka o le mosha mme e tlaabo e le la ntlha o phunya sediba mo Botswana.
O tlhalositse gore lenyora le ne le setse le tsaya phekelo e sele mo metseng eo mme a rapela gore Modimo a segofatse diatla tse di tlaa dirisang motshine oo go epa gore metsi a bonale ka ponyo ya leitlho. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Calviniah Kgautlhe
Location : Makopong
Event : Tshimolodiso ya kepo didiba
Date : 11 Oct 2020