Breaking News

Molao wa bogosi o tlaa tlhabololwa - Autlwetse

08 Oct 2020

Molao wa bogosi o tlaa tlhabololwa go lepalepana le dipaka tsa segompieno le go somarela serodumo sa bogosi ka e le sefalana sa ngwao.

Seo se builwe ke mothusa tona wa Lephata la Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Kgotla Autlwetse fa a ne a buisa marara a Kgalagadi Borwa mo kgotleng ya Tsabong bosheng.

A re puso e tsere tshwetso eo morago ga go lemoga diphatlha dingwe mo molaong wa bogosi tse di isang boleng jwa ngwao ya bogosi kwa tlase, mme ya bona go tshwanela go tlhabolola molao wa Bogosi wa 2008.

A re molao oo, o tlaa lebelela tlhatlhamo ya bogosi le tlhatlologano ya maemo a bogosi go tokafatsa tsamaiso gore ditirelo tsa boleng jo bo faphegileng di goroge sentle kwa setshabeng. Rre Autlwetse a re go a tshwenya gore ngwao ya Setswana e bo e nyelela ka gore marara mangwe a fapoga ditsamaiso dingwe tse di beilweng.

A re molao oo wa bogosi o na le matshwago a le mantsi a a tshwanetseng go thijwa, ka jalo a kopa marara gore a tshwaragane fa go dirwa molao oo o o tsamaisang makgotla a Setswana.

A re ka tsamaiso go na le bogosi jo bo tsalelwang le jo bo tlhophelwang mme go a diragala gore gangwe le gape bogosi bo tsogelwa ke dikgangkgang tse di felelang di rarabololwa ke makgotla a ditsheko.

Mme a re selo se se setse se fetogile selo modiro gore kgotla kgolo ya ditsheko e tlhome dikgosi bangwe ba sena go isa dikgang kwa dikgotleng a ditshekong.

O tlhalosa gore molao wa makgotla a Setswana o papametse gore morafe ke one o tlhomang kgosi, ka jalo a kopa marara gore a baakanye selo se.

Rre Autlwetse a re morero wa bogosi o tshwanetse wa dirwa ka manontlhothlo a a kwa godimo mme marara a emise go kgobokanya morafe ba setse ba itlhophetse yo ba mmatlang mme seo se tsose dingongora tse di felelang kwa makgotleng a ditsheko.

O tlhaloseditse marara gore sepolotiki le bogosi ke dilo tse pedi tse di farologaneng, ka jalo ga di a tshwanela go tlhakatlhakanngwa, mme a rotloetsa gore sepolotiki le bogosi di tshwanetse tsa berekisanya mmogo go tlamela morafe mme go seka ga fosega gope gore di kopanngwe ka seo se ka tsenya mmoholela.

A re marara a tshwanetse go ikilela ka dinako tsotlhe ba itse gore kgosi ke thotobolo mme le bone ba iphaphe mo ditseleng tse di sokameng ka seo se ka latlha tshepo ya morafe mo go bone.

Mo go tse dingwe, Rre Autlwetse o tlhalositse gore lenaneo la Ipelegeng le tlaa tokafadiwa go dira ditiro tse di nang le boleng jaaka go aga matlo a boroko, matlo a borutelo, go dira ditsela tse di fa gare ga metse, dikokelo, maobo jaaka fa go ne go diragala kwa dikgaolong fa lenaneo leo le simologa ka 1960.

O tlhalositse gore lenaneo leo ga le sa tlhole le na le boleng ka gore golo gongwe le ne la kgotlelesega mme la simolola go dira ditiro tse di senang bokao jaaka go kgaola bojang.

A re lenaneo leo le dirwa ka madi a ditlhabololo a P528 million ka ngwaga mme fa ngwaga o fela go kanokwe, ka jalo ga lemogwa fa go sa dirwa sepe se se nang le boleng.

A re le tlaa dira ditiro tse di nang le boleng ka le tlaa bereka le dialogane tsa dikole tse ditona tsa ditiro tsa diatla.

A re lenaneo leo jaanong le tlaa simolola go dirisa baitseanape ba ditiro tsa diatla ba gokagane le badiri ba Ipelegeng go anywa dikitso tse ba tlaa di dirisang go itshetsa fa ba tswa mo Ipelegeng morago ga dikgwedi tse thataro.

A re seo se tlaa imolola puso  morwalo wa gore batho ba nne ba lebile kwa Ipelegeng go ba hira mme ba tlaa ipulela madirelo a bone ba thape ba bangwe.

Rre Autlwetse a re lephata la Makgotla a Setswana le seegetse P14.4 million fa thoko go rutuntsha magosi go tsamaisa ditsheko mo makgotleng a Setswana.

Mme e bile gape madi ao a tlaa dirisiwa go gokela maranyane a WiFi gore ba kgone go bona tse di diragalang.

Ka jalo a re puso e itlamile go tsosolosa serodumo sa bogosi mme madi ao a tshwanetse a dirisiwe sentle.

O tlhaositse gore marara a tshwanetse a eme ka dinao go fedisa dipolaano tsa marato tse di apesitseng lefatshe kobo ka letshoba.  

Gape a re malwetse a tshwana le COVID-19 a tsweletse ka go jwelelela mme marara a tshwanetse a ntsha kodu go bepisa seemo.

Fa a tswa la gagwe, moemedi wa Kgalagadi kwa Ntlo ya Dikgosi, kgosi David Toto II a re metse ya Kgalagadi Borwa ke makgatlhanela thapong a merafe e e farologaneng e e tshedisanang ka go ntshana se inong go tswa goo Lowe.

A re merafe eo e kopanetse mono morago ga go phatlaladiwa ke dintwa kwa mafatsheng a Afrika Borwa le Namibia.

A re ba ntse ba agisanya sentle ba tlotla dingwao tsa ba bagwe mme seo se thusitse gore ba somarele kagiso ya Botswana.  

A re marara a tsweledisa fa bo raabone ba emeng teng ka gore bogosi bo ne bo ntse bo le teng le pele ga Botswana a tsaya boipuso.   

O tlhalositse gore kgwetlho e tona mo makgotleng a Setswana ke letlhoko la ditsompelo mme a kopa gore lephata leo le okelediwe madi gore le itepatepanye le dipaka tsa segompieno.

Gape kgosi Toto II O kopile gore bodiredi bo okediwe go tokafatsa ka fa ditirelo di fiwang setshaba ka teng.

Kgosi wa Makopong, Rre Vincent Phologo ene o kopile gore diphatlha tsa dikgosi tse di tlogetseng ka bogodi tsa Kokotsha, Werda le Draaihoek di kajwe ka nako go itsa gore go nne le mosuke wa tiro.

Bontsi jwa marara fa ba akgela mo mafokong a ga mothusa tona, ba ne ba kopa gore diphatlha tsa ditiro dingwe tsa maemo a D3 di firelwe.

Ba kopile gore dikgosi tsa maemo a sub chief di nne le ba ba ka fa tlase ga bone gore ba kgone go thusa fa ba tsere malatsi a nakwana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Calviniah Kgautlhe

Location : TSABONG

Event : Puiso marara a Kgalagadi Borwa mo kgotleng

Date : 08 Oct 2020